Lore lo ojwa le sa le metsi
02 Jun 2016
Ngwana o tshwanetse go godisiwa ka tsela e e leng gore ka moso o kgona go ema fa pele ga batho e le moeteledipele e bile a dira dilo tse di siameng.
Se, se builwe ke Mme Ditshupo Selepeng go tswa Love Botswana mo ipelelong letsatsi la botsogo jwa ngwana kwa kgotleng ya Shashe kwa Maun bosheng.
A re tlhokomelo ya ngwana ga se go mo neela kgotsa go mo romelela madi motsadi a seyo go bona gore ngwana yoo o tshela jang, ka jalo batsadi ba tshwanetse go nna teng ka dinako tsotlhe mo botshelong jwa bana ba bone.
“Tlhokomelo ya ngwana e simolola fa ngwana a setse a le mo sebopelong sa ga mmaagwe, ka jalo bomme le tshwanelwa ke go ikwadisa ka nako gore le bone dithuso tsa botsogo tse di tsepameng go supa lorato mo baneng ba lona,” a tlhalosa.
Mme Selepeng o ne a gatelela fa metlha e sa tlhole e le ya maloba e borre ba ne ba sa letlelelwe go bona bomme ba bone ba belega.
A re borre ba tshwanetse go supa lorato mo baneng ba bone ka go tsaya karolo ka nako ya pelegi ya ngwana.
O supile fa se se godisa lorato magareng ga batsadi le bana ka rre a tlaa bo a kgona go ipaya mo seemong se mosadi wa gagwe a neng a le mo go sone ka nako ya ditlhabi tsa pelegi.
O ne a rotloetsa batsadi go fa bana ba bone lorato ka dinako tsotlhe e bile a supa fa go se molato go bolelela bana ba bone ka fa ba ba ratang ka teng.
Mo go tse dingwe, Kgosi Prince Shashe wa kgotla ya Shashe o ne a supa fa a sa itumela ka borre ba ne ba sa tla ipelelong botsogo jwa bana ba bone.
A re mo go supa fa ba setse ba le kwa morago mo tlhokomelong ya bana, mme ba tshwanetse go ititaya ka thupana ka go tsaya karolo mo kgodisong ya ngwana go le botlhokwa gore e tshwaraganelwe.
O ne a akgola bomme a tlhalosa fa go itshupa e le bone thari ya setshaba ka jalo ba tshwanetse go tswelela fela jalo ba tlhokomela bana ba bone ka e le bone bokamoso jwa lefatshe leno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Montle Modisawamarole
Location : Maun
Event : Ipelelo tsatsi la botsogo jwa ngwana
Date : 02 Jun 2016






