Breaking News

Puso e sekaseka mananeo a nyeletso lehuma

02 Jun 2016

Mogolwane wa tsamaiso lenaneo la nyeletso lehuma kwa Ofising ya ga Tautona, Rre Seno Mokhondo, a re mmuso o tsweletse ka go sekaseka mananeo a nyeletso lehuma ka maikaelelo a go oketsa ditirelo tsa mananeo ao

E rile a bua kwa phuthegong e e faphegileng ya khansele ya kgaolo-potlana ya Mahalapye bosheng, Rre Mokhondo a tlhalosa fa mmuso o tsere tshwetso ya go oketsa mananeo a nyeletso lehuma le go sekaseka mananeo a a ka tswang a sa solegele Batswana molemo jaaka masingwana a merogo le khiriso ya ditante.

Rre Mohondo a re le ntswa e le keletso ya mmuso go thusa Batswana ka mananeo ao go simolola dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone go tokafatsa matshelo a bone sebe sa phiri mananeo ao, a phutlhamisiwa ke leroborobo la bolwetse jwa korobela jo bo dikileng bo ganyaotse dikoko le tlhaelo ya metsi a a ka dirisiwang go nosetsa masingwana a merogo.

O boleletse phuthego ya khansele fa mmuso o tsweletse le go koketsa bagwebi ba mafatshe a China le Afrika Borwa go tlhoma madirelo mo Botswana gore Batswana ba kgone go reka dithoto gautshwane go fokotsa ditshenyegelo, mme a bolela fa bagwebi ba lefatshe la Afrika Borwa ba setse ba dumelane le mmuso wa Boswana go tla go tlhoma madirelo a a dirang dithoto tse di faphegileng kwa Lobatse.

Makhanselara a boletse fa mananeo a nyeletso lehuma a phutlhamisiwa ke gore mmuso o tseela Batswana ditshwetso ka dikgwebo tse ba ka di dirang ntswa ba sena kgatlhego le dikitso tsa go tsamaisa dikgwebo tsa go nna jalo.

Ba re e re ntswa e se baemedi ba diphathi tsa kganetso ba ba kgatlhanong le ditshwetso tse di tsewang ke mmuso mabapi le dithuso tse di neelwang Batswana go ikinola mo lehumeng ka jaana ba sa letlelelwe go dirisa dikakanyo tsa bone mabapi le dikgwebo tse ba ka di dirang tse e bileng ba na le kgatlhego le lerato mo go tsone, gone mananeo a tshwanetse go sekasekwa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Mahalapye

Event : Phuthego

Date : 02 Jun 2016