Breaking News

Kotsi e gapile botshelo

02 Jun 2016

Mapodisi a Kutlwano kwa Francistown  a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi a neng a thula ka koloi monna mongwe yo o dingwaga tse di masome a mararo le bongwe wa mo tsamaya ka dinao kgwedi ya Motsheganong e le masome mabedi le boferabongwe.

Superintendent Neo Serumola o boletse mo potsolotsong gore tiragalo eo e diragaletse mo tseleng ya A1 sekgala fela sa dikhilomithara tse pedi go tswa kwa Tati Siding go ya Francistown.

O tlhalositse fa motsamaa ka dinao a ne a tlhokafala mme setopo se le kwa setsidifatsing sa kokelo ya Nyangabgwe go tlhatlhojwa ke ba bongaka.

 Le fa go ntse jalo ba sa ntse ba tshegeditse mokgweetsi yoo go ba thusa ka ditlhotlhomiso.

Superintendent Serumola o kopile bakgweetsi go kgweetsa ka keletlhoko ga mmogo le batsamaya ka dinao go apara diaparo tse di ka ba senolang bosigo fa ba sa ntse ba le kgakala.

O kopile setshaba go ikopanya le mapodisi a Kutlwano kwa Francistown fa ba sa bone mongwe wa losika.

Mo go tse dingwe, mogolwane wa mapodisi a Gerald Estates Superintendent Masego Mathitha a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone ngwana wa dingwaga tse di lesome le bobedi a fitlhetsweng a akgega mo ntlong.

Superintendent Mathitha o tlhalositse fa ngwana yoo a dirisitse mogala le fa go ntse jalo ga go na molaetsa o a o tlogetseng.

O kopile setshaba go kopa bogakolodi ka dinako tsotlhe fa ba na le mathata ga mmogo le go ela bana tlhoko fa ba le mo lwapeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : Francistown

Event : Potsolotso

Date : 02 Jun 2016