Breaking News

Komiti e supa mowa wa kutlwelobotlhoko

02 Jun 2016

Komiti ya botsogo ya Local Enterprise Authority (LEA) kwa Masunga e tsweletse ka maiteko a go diragatsa letshego la tebelopele la setshaba se se kutlwelobotlhoko e bile se le lerato.

Badiri ba LEA ba supile seo kgwedi eno e tlhola letsatsi jaaka ba ne ba abela lelwapa loora Balo kwa Vukwi pompo ya metsi, tshingwana ya merogo le go tsenya terata mo lwapeng la bone, tse tsotlhe di lopileng P9 000.

Fa a tshwaela mo moletlong o mokhutshwane wa go rolela ba lelwapa leo dimpho, modulasetilo wa komiti ya botsogo ya LEA, Rre Gaolaolwe Phologolo o ne a re e re le ntswa tiro ya bone e itebagantse le go thusa Batswana go simolodisa le go godisa dikgwebo tsa bone, fela ba bona go le botlhokwa gore ba tokafatse ka tsela nngwe matshelo a ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

Rre Phologolo a re morago ga go lemoga seemo sa ba lelwapa leo, ba ne ba thulanya ditlhogo jaaka gale mme ba dumalana ka mogopolo wa go ba thusa ka dimpho tseo, e le ka maikaelelo a go leka go tlhabolola le go fa lelwapa leo seriti.

A re ka jaana puso ya lefatshe leno e tseela kwa godimo go tlhabolola motho, ka jalo o itumedisiwa ke go bo lekalana la gagwe le le mo motlhaleng o montle wa go thusa mo maitekong ao.

A supa fa e se lantlha ba dira tiro ya go tshwana le eo, mme ba nna ba thusa fa ba lemogang botlhoki teng, e bile ba setse ba kile ba thusa boora Balo ka dijo.

Rre Phologolo o ne a supa fa madi a a dirisiwang mo ditirong tsa mothale o, ba a ntsha ka  boteng jwa dipelo tsa bone go tswa mo dipateng tsa bone, a supa fa mongwe le mongwe  wa bone a ntsha bonyenyanenyana kgwedi le kgwedi mme e  re ba bona letlole la bone le le botoka, ba dire sengwe.

Fa a latlhela la gagwe, mookamedi wa lekalana la LEA kwa Masunga, Mme Segakolodi Ntebele o ne a tshephisa fa ba tlaa tswelela ba supa mowa oo, a re ka jalo e tshwanetse ya nna thotloetso mo Batswaneng ka kakaretso, ka seo se ka thusa go dira pharologanyo mo matshelong a bangwe.

Mme Ntebele o ne a rotloetsa boora Balo go sola molemo dimpho tseo, a ba gwetlha go lema merogo go leka go bona letseno lengwe la go itshidisa le ba lelwapa la bone.

Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Vukwi, Rre Zulu Mutshula o ne a akgola badiredi bao mo maitekong ao a ba a dirileng, a re boora Balo jaanong ba tlaa tshela botshelo jo bo botoka.

Rre Mutshula o ne a supa fa le bone e le ba VDC, ba na le keletso ya go thusa bangwe, sebe sa phiri e le go bo ba na le kgwetlho ya madi ka ba sena letseno lepe le le ba tsenyetsang madi mo letloleng.

Modiri wa lephata la boipelego, Mme Onameditse Seetapele le ene o ne a galaletsa maiteko ao,  a re ba LEA ba dirile tiro e ntle, ka jalo a ba rotloetsa go tswelela ba thusa go ya go ileng.

Mme Seetapele o ne a re batho ba tshwanetse ba tsaya malebela mo go ba LEA mme e bile ba itse fa go se mpho epe e e ka galalwang.

Rre Boikarabelo Balo o ne a leboga go menagane, a re mpho eo e tlaa ba fa seriti se se tshwanang sa malwapa a mangwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Vukwi

Event : Kabo Dimpho

Date : 02 Jun 2016