Bomme ba rotloediwa go ikemela ka dinao
02 Jun 2016
Banni ba Selebi Phikwe ba gakolotswe go sekaseka gore ba kgonne go le kae dikgang tse di amang bomme le bana ba basetsana.
Se se builwe ke Moruti Sinah Teemane yo e bileng e le moeteledipele wa mokgatlho wa Good Samaritan kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la bomme kwa Botshabelo kwa Selebi Phikwe.
Mme Teemane a re letsatsi la bomme ke nako e bomme ba tshwanetseng go ntsha lentswe la bone go bua ba sa tshabe ka tse di ba tshwenyang le go fa mapaki a a ka kgothatsang ba bangwe.
A re lefatshe la Botswana le ne la itlama go sekegela dikgang tse di amang matshelo a bomme ka ngwaga wa 1995 mme la ipeela seelo sa ditsetlana tse di ka tokafatsang matshelo a bone e leng la boeteledipele ja bomme le tsa sepolotiki, go lwantsha lehuma le le tshabelelang bomme, botsogo ja bomme, go rutuntsha bomme le go fedisa kgokgontsho ya bomme le ngwana wa mosetsana, tekatekano ya bong le go nonotsha bana ba basetsana.
Moruti Teemane a re mo ditsetlaneng tse, go na le tse lefatshe le di fitlheletseng mme dingwe di sa ntse di saletse kwa morago.
A re nngwe ya tse di saletseng kwa morago ke ya sepolotiki. A re bomme ba sa ntse ba inyatsa gore lentswe la bone le ka seka la utwala jaaka la borre.
Moruti Teemane a re dipalo tsa bomme ba ba kwa palamenteng di sa ntse di le kwa tlase thata ka jalo a ba rotloetsa go emana nokeng go fitlhelela ditoro tsa bone.
E rile a ama tsa kgokgontsho tse di diragalelang bana ba basetsana, a re se se bakiwa ke lehuma le bomme ba tshelelang mo go lone ka bontsi ja bone ba sa bereke.
A re se se dira gore ba ineele mo go borre ka e le bone ba tlisang dijo mo lwapeng le fa ba kgokgontshiwa.
A re kgokgontsho e mefuta mentsi jaaka ya maikutlo kana ya kiteo mme bomme ba ineetse mo go yone ka lebaka la letlhoko.
Moruti Teemane a re dikgang tsa tekatekano di tshwanetse go seegelwa tsebe ka dinako tsotlhe mme e bile di sa buelwe ka fa tlase ga ditafole go itsa gore ope a se ka a bewa ka fa mosing.
Le fa go ntse jalo Moruti Teemane a re go na le dikgang tse Botswana a gatetseng pele mo go tsone jaaka mo go tsa tekatekanyo mo ditirong.
A re mo nakong ya gompieno bana ba basetsana ba fiwa sebaka sa go ya go ithutela ditiro tsa diatla tse go neng go dumelwa gore ke tsa borre.
Mongwe wa barulaganyi ba letsatsi yo e leng moeteledipele wa mokgatlho wa Positive Moments Support Group go tswa Gaborone, Mme Onalethata Mpebe a re ba bone go le maleba go tla go tshwarela letsatsi la bomme mo toropong ya Selebi Phikwe ka e le nngwe ya mafelo a a amilweng ke mogare ka dipalo tse di kwa godimo.
Mme Mpebe o gakolotse bomme gore tekatekanyo e teng fa go tsena mo go tsa tlhakanelo dikobo, a gatelela gore dipalo tsa batho ba ba tsenwang ke mogare di tlaa tswelela di golela pele fa batho ba ka tswelela ba itlhokomolosa maikarabelo a bone.
Kwa bofelong, Mme Mpebe o kgothaditse ba ba setseng ba amilwe ke mogare go tsaya kalafi ka fa ba bongaka ba ba kaetseng ka teng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Moletlo
Date : 02 Jun 2016






