Makhanselara a lela ka ditsela
02 Jun 2016
Makhanselara a kgaolo-potlana ya Kanye a boletse fa ditsela tse di ralalang metse ya bone di le maswe thata.
Ba buile jalo mo phuthegong ya khansele Seetebosigo a le gangwe.
Ba ne ba akgela mo puong ya ga modulasetilo fa a bula khansele, ba re dipula di sentse ditsela fela thata mo di sa tsamaegeng mme ba ikuela mo khanseleng go ba tswa thuso ka bonako.
Ba boletse fa khansele ka fa lephateng la ditsela e le maoto a tshupa go gopa ditsela gore di se nne maswe thata.
Ba boletse gape fa dikole dingwe di le makgasa mo go ngomolang pelo mme ba kopa khansele go ema ka dinao go baakanya seemo.
Mokhanselara wa Molapowabojang Botlhaba, Rre Calvin Matlala o tladitse ka gore dikole dingwe di tlhasetswe ke motlhwa, o ja dibuka tsa bana e bile gape barutabana ba a tlhaela.
Fa mokhanselara wa Lorolwane, Mme Binkie Moalosi a boletse fa bana ba Lorolwane ba tsena sekole ko Mabule mme ba tshaba sekole ka go le kgakala e bile matlo a borutelo a le makgsa fela thata mmogo le matlo a borobalo.
Mokhanselara wa Segwagwa, Rre Mogorosi Naolwakgosi o boletse fa barutabana ba tlhaelelwa ke matlo a boroko bangwe ba bereka ba tswa Kanye, o kopile gore bana ba dikole ba ne ba letlelelwa go tsena dipuisano tsa dikhansele ba tseye malebela ka gore ke bone bagogi ba kamoso.
Re Ben Lemogang wa kgotla ya Ruele, o boletse fa lebala la temo-thuo la ditshupo le sa tlhokomelwe, dikago tsa teng di ole, e bile ditena tsa teng di utswilwe ke batho. Puso e senyegetswe ke madi go tlhabolola lebala la teng.
Mokhanselara wa Marapalalo, Rre Kabelo Lemme o ngongoregile thata ka metsi a a leswe a a thologelang mo malwapeng a batho a tswa mo matamong a sepatela sa Sabata (SDA) mo Kanye. O boletse fa metsi ao a le leswe e bile banayana ba dikole ba tshamekela mo go one.
Mo dikgannyeng tse dingwe, mokhanselara wa Kgosing mo Kanye, Rre Morekisi Rangobana o ngongoregetse tshwetso e e dirilweng mo Kanye ka go fudusa mabitla a a ntseng a dirisiwa ba sa rerisiwa,o boletse fa mabitla a masha a duelwa e bile go duelwa mo komiting ya ditlhabololo e le ngwe fela.
Makhanselara a ngongoregetse dikarabo tse ba di fiwang ke maphata fa ba ba boditse, ba re gantsi di lolea gape ba a latlhelela.
Khansele e ne e etetswe ke bana ba dikole mo Kanye ba tsile go bona tsamaiso le ka fa ba buisanang ka teng ka ditshutiso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Kanye
Event : Bokopano jwa khansele
Date : 02 Jun 2016






