Breaking News

Lephata le tlodisa setlhopha melatswana

01 Jun 2016

E rile go utlweng fa lephata la bong, Gender Affairs, le thapholotse letsogo, setlhopha sa bomme ba bane le borre ba le babedi kwa Sefhare sa seka sa batla go tlolwa ke sebaka seo.

Fa a bua mo potsolotsong, moemedi wa setlhopha seo, Rre Ogorogile Keitsetse o ne a supa fa botsala ja bone le Gender Affairs bo simologile ka ngwaga wa 2015.

Rre Keitsetse a re pele ga ba itsane le Gender Affairs ba ne ba nna fela mo malwapeng go sena gope kwa ba berekang teng go itshetsa mme a supa jaanong ba ka pakela lephata la Gender Affairs ka le ba thusitse go itlhamela mmereko.

A re ba ne ba thusiwa ka P220 000 go simolodisa kgwebo ya go dira matlapa a a beelwang batho ba ba tlhokafetseng.

O kaile gore ba ne ba dirisa madi ao go reka didirisiwa tsotlhe tse di tlhokegang mo kgwebong. O ne a supa fa kgwebo ya bone e simolotse mo ngwageng o o fetileng ka kgwedi ya Sedimonthole.

Rre Keitsetse o boletse gore go simolola kgwebo ya mofuta o, ba ne ba gwetlhilwe ke go lemoga fa batho ka bontsi mo kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami ba reka matlapa kgakala thata jaaka kwa Aferika Borwa.

O boletse gore setlhopha sa bone se ne sa romela leloko la bone teng kwa Aferika Borwa go ya go anywa botsipa kwa komponeng nngwe e ba dirisanyang le yone mme morago a tla go ruta ba ba neng ba setse mo gae.

Rre Keitsetse o supile fa ba dira matlapa a a nang le boleng e bile a ka seke a ngongoregise moreki a tlatsa ka gore gape ditlhwatlhwa tsa bone ke tse di utlwalang. Bokhutlo

 

 

 

 

 

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : Sefhare

Event : Potsolotso

Date : 01 Jun 2016