Breaking News

Batawana ba lebogela therisano

01 Jun 2016

Batawana ba lebogetse Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Slumber Tsogwane, go ba lekodisa ka kgang e e amang Bayei.

Ba buile jalo bosheng kwa Maun fa Rre Tsogwane a ne a ba itsise gore o tlaa begela morafe wa Bayei ka tshwetso e e tserweng ke puso ka boikuelo jwa bone jwa go lemogiwa e le morafe o o ikemetseng le gore ba nne le kgosi.

E re le ntswa Rre Tsogwane a ne a sa tlhalosa gore pego eo ke eng, Batawana ba ne ba itumelela tekodiso ya ga tona. 

Mothusa kgosi, Kgosi Charles Letsholathebe, o ne a tlhalosa gore Tona Tsogwane o kile a fapoga mo nakong e e fetileng ka ya go buisa Bayei kwa Gumare a sa itsise Batawana, le ntswa kgang ya Bayei e ama Batawana ka ba tshela mmogo.

Kgosi Letsholathebe a re o leboga Rre Tsogwane ka a baakantse phoso eo, a tlatsa fa therisano e le botlhokwa.

Motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Kealetile Moremi o ne a leboga Rre Tsogwane, a supa fa e le tlotla go bo a fetile ka magosi a goo Tawana pele a isa pego ya morafe wa Bayei.

Rre Tsogwane o ne a tlhalosetsa magosi a goo Tawana fa a tshwere pego ya morafe wa Bayei ba boremelelo jwa bone e leng Ngamiland le ntswa ba fitlhelwa kwa dikgaolong tsa Chobe, legare bogolo jang Boteti.

Rre Tsogwane o ne a tlhalosa gore ga a na go ama tshwetso e e tserweng ke puso ka a tshwanetse go e rolela morafe wa Bayei pele.

O ne a supa fa mo bokopanong jwa go lekodisa Bayeyi ka kgang ya bone jo bo fetileng go diragatsa phoso ya go sa feta ka ba bogosi jwa Batawana le ntswa kgang eo e le masisi ka e ama morafe wa Batawana.

Le fa go ntse jalo, Rre Tsogwane o ne a tlhalosa fa puso e letla gore batho ba nne le tshwanelo ya go ka nna morafe, go kopa kgosi go setswe ditselana tsa molao morago tse Bayeyi ba di dirileng.

O ne a re Bayeyi ba ne ba itsheka mme ba atlega, mme mo katlegong ya bone ga seka ga nna le bape ba ba neng ba ganetsana le tshwetso ya kgotla tshekelo ka boikuedi.

Ka jalo, Rre Tsogwane o ne a re ditsetana dingwe tsa molao di ne tsa fetolwa morago ga tsheko ya Bayeyi.

Rre Tsogwane o ne a re molao wa bogosi one o letla Bayeyi go tsaya tsela e ba e tsereng.

Le fa go ntse jalo, Rre Tsogwane o ne a gwetlha magosi a Batawana gore ba itse fa pego ya Bayeyi e ama bone le dikokomane tsa bone ka jalo ba tswelele fela ba tshela sentle. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Maun

Event : Bokopano

Date : 01 Jun 2016