Somarelang botsogo jwa bana
01 Jun 2016
Metlha e fetogile ya go bona ngwana yo o kwa tlase ga dingwaga tsa boraro a bolawa ke bolwetse jwa go swa mohama, leroborobo la letshololo ga mmogo le dibokwana.
Mafoko a a builwe ke mogolwane wa kokelo ya Letsholathebe Memorial Hospital Rre Kebotlwaetse Kwabala, fa a ne a tlhalosa ka ipelelo letsatsi la botsogo jwa ngwana (child health day) kwa kokelwaneng ya Shashe kwa Maun bosheng.
O ne a tlhalosa fa ba botsogo ba na le beke e go itebagantsweng le go kentela bana malwetse a a ka felelang a ba tseela botshelo.
“Ka 2008 bana ba ne ba bolawa ke leroborobo la letshololo mme ga fitlhwelwa mogare wa rota mo mantleng a bone bana ba. Morago ga simololwa lerothodi le le thibelang mogare o, ka jalo re le ba botsogo re le kopa go ikgologanya le rona ka dinako tsotlhe go bona gore ngwana wa gago ga a tlolwe ke kalafi epe,” Rre Kwabala a tlhalosa.
O tsweletse ka gore go itsa seemo sa letshololo o le kwa lwapeng o tshwanetse wa bo o na le motswako wa letshololo ka dinako tsotlhe, fa godimo ga moo go bo go na le pilisi ya zinc go siela ngwana fa a ka tlhagelwa ke letshololo.
O gakolotse batsadi go potlakela kwa go ba botsogo fa ngwana a tlhagelwa ke bolwetse go na le go ya kwa dingakeng tsa setso.
O ne a tswelela ka gore ba lephata la botsogo ba ne ba bona go le maleba go seegela dikgwedi tse pedi fa thoko e leng Motsheganong le Ngwanatsele go direla gore bana ba ba tlodilweng ke mekento ba kgone go kentiwa mo go tsone dikgwedi tse.
O kopile batsadi go sala ditaelo tsa ba booki morago di tshwana le go kentiwa ga ngwana le go sa tlodisa ngwana sekale.
A re bana ba sirelediwe mo mogareng wa monang ka masole a bone a mmele a ise a nonofe ka jalo ba tshwanetse go robala ka fa tlase ga masire.
Rre Kwabala o tsweletse ka gore batsadi ga ba rute bana ba bone go tlhapa matsogo pele ba tshwara dijo. A re mo go baka gore ngwana a felele a ja megare e e mo matsogong a gagwe.
A re phepafatso e seka ya nna ya ngwana fela mme go phepafadiwe le yone tikologo e ngwana a nnang mo go yone.
E re go ntse jalo o supile fa batsadi ba setse ba le maoto a tshupa go bua le ba botsogo ka go atologanya bana. A re seemo se se dira gore motho a felele a nna le bana ba le bantsi mme a felele a palelwa ke go ba fa tlhokomelo e e tsepameng mme botsogo jwa bone bo felele e le jwa seemo se se tlhobaetsang.
A re e le ba botsogo, ba ikaelela go tswala phatlha e e ntseng e le teng ka go neela bana tsotlhe tse ba di tlhokang tsa botsogo. O tlhalositse fa ba tlaa bo ba etela dikgaolo tse di kwa ntle go isa ditlamelo tsa bana ba dirisa dikokelwana tsa nakwana (mobile clinics). Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Montle Modisawamarole
Location : Maun
Event : Ipelelo letsatsi la botsogo jwa ngwana
Date : 01 Jun 2016






