Breaking News

Bodiragatsi bo ka tokafatsa matshelo

01 Jun 2016

Badiragatsi ba kgaolo ya Legare ba rotloeditswe  go tlhwaafalela ditalente  tsa bone ka di ka ba thusa go itirela mmereko

Fa a bua kwa Mahalapye mo dikgaisanong tsa mmino wa Setswana tsa ga Tautona tsa kgaolo ya Legare bosheng, modulasetilo wa khansele ya Mahalapye, Rre Jackson Cebani  a re banana ba tshwanetse go dira ka natla  go  tokafatsa ditalente  gore di ba tswele maduo.

Rre Cebani a re dikgaisano tsa ga Tautona di simolotse ka ngwaga wa 2008  ka badiragtsi ba ka tshwara dikete tse tharo mme gompieno ke dikgaisano tse ditona tse di okang bagaisani ba feta dikete tse di lesome  le bobedi.

A re  dikgaisano  tse di simolotse ka maikaelelo a go ntshetsa bodiragatsi mo pontsheng le go bo godisa  go ya ko dikokomaneng tse  di tlaa tlang.

 A re ka nako eo se se neng se tshwenya e ne e le gore ngwao le mmino ya Setswana e tlaa nyelela segolo jang mo bananeng ka go ne go sena sepe  se se neng se ba gwetlha go nna le kgatlhego.

A re  dikgaisano tse di godile mo go nametsang  mme e bile di sa solegele banana ba le nosi molemo mme go na le bagolo ba ba tsayang karolo mo go tsone.

O ne a kgalela badiragatsi dikgotlhang tse ba nnang ba nna le tsone fa ba sena go amogela madi a ba atswiwang ka one ka a ba kgaoganya mme a ba rotloetsa gore ba a dirise go godisa  ditlhopha tsa  bone.

Moemedi wa lephata la banana motshameko le ngwao, Mme Orabile Kagiso o ne a gakolola badiragatsi gore ba seka ba leba fela gore ba mo dikgaisanong mme ba itse gore ba aga mowa wa popagano magareng ga bone.

Mme Kagiso gape o ne a ba rotloetsa go  ithuta le mmino wa dingwao tse dingwe mme ba sa e lebele kwa tlase ka gore ga se ya  merafe ya bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Barati Masigo

Location : Mahalapye

Event : Dikgaisano

Date : 01 Jun 2016