Breaking News

Pabalesego ya moepo e tlaa sekasekwa

01 Jun 2016

Puso e tsere tshwetso ya go batla baitseanape  ba ba ikemetseng ka nosi go dira ditlhotlhomiso tse di tseneletseng ka pabalesego ya moepo wa BCL kwa Selebi Phikwe.

Se, se builwe ke Tona wa Dikago, Boranyane le Boitseanape, Rre Nonofo Molefhi morago ga go lekola babereki ba moepo wa BCL ba ba neng ba amega mo kotsing kwa moepong oo  Motsheganong a le masome mabedi le borobabongwe.

Baitseanape ba, go ya ka Tona Molefhi, ga ba ba tsalane ka gope le puso kgotsa moepo wa BCL, mme a re ‘go setse go nkgankgilwe bangwe kwa South Africa ba e leng gore ke ditiro tsa bone tsa boitseanape go dira ditlhotlhomiso tsa mofuta o. 

Mme re dumela gore e tlaa re mo malatsing a a seng kgakala, re bo re ka tlhomamisediwa gore tshoboko ya papalesego kwa moepong wa BCL e ka bo e le bokowa fa kae le gore e batla go nonotshiwa ka tsela e e ntseng jang,” ga bua tona.

Rre Molefhi, yo gape e leng mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, o tlhalositse gore go matshwanedi gore nako nngwe le nngwe fa go tlhagogile kotsi e e ntseng jaana, go dirwe ditlhotlhomiso ka se se ka tswang se e bakile. 

Mabapi le kotsi, Rre Molefhi  a re, “go belaesega gore makolofane o o neng a dirisiwa go chaisisa bodiredi, ka nako ya borobabongwe bosigo, e ne ya re mo go tsweleng ko ntle, lebante le le gogang makolofane o la tshipi la kgaoga.”

Mo bathong ba ba lesome ba ba neng ba amegile mo kotsing e, ba le bane ba ne ba latlhegelwa ke botshelo, ba le barataro ba bona dikgobalo tse di farologaneng.

Mo go bone ba, ba le babedi ba a sidilega kwa kokelong ya Nyangabgwe kwa Francistown fa ba le babedi ba ba neng ba robaditswe ko Selebi Phikwe ba ntshitswe ka Mosupologo.

Mo nakong ya gompieno, a re go setse ba le babedi fela mo dikokelong. 

A le mongwe mo go bone a re o a sidilega, ‘mme le ene re solofela gore o tlaa ntshiwa mo kokelong ka bofefo. 

“Go na le yo mongwe fela yo o mo kokelong mo Gaborone, yo o tlileng kwano gore a tle go tlhatlhobiwa ke dingaka. Mme le bone ba ne ba bolela gore o a sidilega. Go lebega gore mme le bone re tlaa kgona gore re ba rue ba kgone go falola mo dikgobalong tse ba nang le tsone,” ga tlatsa tona Molefhi.

Tona Molefhi a re o ne a bona go le maleba gore a ye go lekola babereki ba barataro ba ba robaditsweng mo dikokelong gore botsogo ja bone bo ntse jang. 

Le fa go ntse jalo, a re ka fa molaong wa taolo ya meepo, mookamedi wa moepo o tshwanetse a ntsha lekoko la batlhotlhomisi gore ba ye go sekaseka gore tota se se bakileng kgaogo ya mogala ke eng. Batlhotlhomisi ba, a re ba setse ba le ko Selebi Phikwe go dira tshekatsheko le dipatlisiso ka se se bakileng kotsi e.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : Gaborone

Event : Potsolotso

Date : 01 Jun 2016