Breaking News

Ketumile o galaletsa nyeletso lehuma

31 May 2016

Batswana ba tsweletse ka go akola mananeo a puso a go nyeletsa lehuma.

Mananeo ao a akaretsa go dira moriri, go apaya borotho, go roka, go rua dihutshane le go rua dikoko.

Mme Kebonang Ketumile ke mongwe wa Batswana ba ba reng lehuma ke selo sa maloba mo go bone fa e sale ba thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma ka 2014 ka kgwedi ya Ngwanaatsele.

Mme Ketumile yo o tlholegang kwa Kanye o tlhalositse fa a thusitswe ka didirisiwa tsotlhe le ditsompelo tsotlhe tsa go tsamaisa kgwebo ya go dira moriri.
O tlhalositse fa khansele ya Kanye e ne ya ba isa dithutong sebaka sa dibeke tse thataro kwa sekoleng sa diatla sa Ramatea.

A re dithuto tse di botlhokwa fela thata ka di ne tsa oketsa kitso ya gagwe ya go dira moriri. O buile fa e sale a simolola go dira moriri ka ngwaga wa 1999 fa a fetsa mophato wa boraro kwa sekoleng se segolwane sa Ngwaketse.

A re kgwebo ya gagwe e dira sentle fela thata ka wa mariga molelo o a o ora le bana ba gagwe. O tlhalositse fa a dirisa dipoelo go tlhokomela bana ba gagwe, go ba duelela kwa sekoleng mme o boloka a a salang.

Mme Ketumile yo o dingwaga di masome mararo le boraro o tlhalositse fa lenaneo le le tokafaditse botshelo jwa gagwe fela thata ka gompieno o na le seriti. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Leteng Nokwane

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 31 May 2016