Go tlhopha ga go amane le ditlhabololo
31 May 2016
Mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe, o tlhaloseditse banni ba motse o o sa tlhomamisiwang wa Makgaba mo kgaolong ya gagwe gore go tlhopha ga go amane le ditlhabololo.
Banni bangwe ba Makgaba ba ne ba supa fa ditlamelo dingwe di sa tle kwa go bone fela ka gore motse wa bone ga o a tlhomamisiwa ntswa ba tlhophile.
Rre Lelatisitswe o tlhalositse fa go tlhopha e le tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe gore a nne le seabe mo go itlhopheleng puso, ga e amane le go tsisa ditlhabololo.
Mopalamente o tlhalositse gore ka nako ya ditlhopho go nna le matlhophelo gongwe le gongwe kwa Batswana ba leng teng le kwa merakeng tota, gore ba nne le seabe sa go itlhophela puso e ba e batlang go sa reye gore ditlhabololo di tlaa isiwa kwa merakeng,
O ne a tlhalosetsa banni ba koo gore thulaganyo ya go tlhomamisa motse wa bone e tsweletse, a tlatsa ka gore dipalo tsa bone di a letla gore motse wa bone o tlhomamisiwe.
Mo go tse dingwe Rre Lelatisitswe o ne a gwetlha batsadi go rotloetsa bana ba bone go tsena sekole a re thuto ke yone thupa ya lehuma.
O ne a lekodisa banni bao ka ditiro tsa lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP le a reng le tlaa tlhamela Batswana ditiro tsa nakwana le tsa sennela ruri.
Kago ya tsela ya Mosu-Thalamabele, go agiwa ga diofisi tsa kgotla kwa motseng wa Mmea ke dingwe tse a reng di tlaa dirwa ka lenaneo le.
Mopalamente o ne a lekola gape banni ba motse wa Mmea. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : Makgaba
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 31 May 2016






