Lobatse o ipelela tebelopele ya setshaba
31 May 2016
Go botlhokwa gore jaaka Batswana ba gorogile kwa ngwageng wa 2016 ba ipelele matshego a ponelopele le go sekaseka gore ba e kgonne go le kae. Ka jalo, banni ba Lobatse e ne ya re ka bosheng ba bo ba kgobokane kwa kgotleng ya Peleng go ipelela lengwe la matshego a ponelopele ya 2016 ya go nna tshaba e e kutlwelobotlhoko, e e siameng e bile e tlhokomela botlhe.
Fa a ema batsena moletlo ka lefoko, monni wa Lobatse e bile e le modiri wa pele wa lephata la Botswana Geo-science Institute, Rre Andrew Gondo, o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go kgathala le go tlhokomela, bogolo jang ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ga mmogo le balwetse le bone bagodi tota.
Rre Gondo a re se ke sone se agang setshaba go nna se se nitameng.
A re go molemo gore e re fa batho ba dira ditiro tsa bopelotlhomogi ba bo ba sa solofele tuelo epe, ba tlhaloganya fa ba direla Modimo.
A re jaaka ngwaga wa tebelopele ya Botswana o wela, go botlhokwa gore batho ba eme, ba itshekatsheke ba bone kwa ba tswang teng.
Fa a tlhalosa maikaelelo a moletlo o Kgosi Pepukani Makambe wa kgotla ya Motswedi/Thema o ne a re jaaka Botswana a digela dingwaga di le masome matlhano a ntse a ipusa, go botlhokwa go ipelela seo ka botswapelo.
Kgosi Makambe a re letshego le ya go nna tshaba e e kutlwelobotlhoko, e siame e bile e kgathala ka batho ke lone fela le supang setho le botho jwa motho.
A re ba ba diragatsamg letshego le ke ba ba supang fa ba na le mowa wa setho, ka jaana letshego le, e o rotloetsa.
A re le fa ngwaga wa 2016 o ya bokhutlong go botlhokwa gore batho ba tswelele ba tshegeditse letshego le, go supa lorato mo go ba ba tshelang le bone.
Go supa fa e le ruri Batswana e le tshaba e tshaba e kutlwelobothoko, e e siameng e bile e tlhokomela botlhe, maphata a a neng a rulagantse tiro e, a akaretsa a Setswana le a dikereke, bo mmaboipelego le dikomiti tsa ditlhabololo a ne a nankola ditiro tse ba di dirileng go supa bobelotlhomogi, mme ba akgolwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : LOBATSE
Event : Moletlo
Date : 31 May 2016






