Ba Ramokgwebana ba baakanyetsa boipuso
31 May 2016
Banni ba Ramokgwebana ba ikiteile sehuba go tlhomamisa gore moletlo wa ipelelo boipuso wa monongwaga o nna o o tlaa sekeng o lebalesege.
Mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Mollen Dube wa motse oo o boletse fa dipaakanyo di tsweletse, mme maikaelelo magolo e le go tlhomamisa gore ba ipelela boipuso ka tsela e e faphegileng fa go tshwantshanngwa le mo dingwageng tse di fetileng.
A re go bo lefatshe la Botswana le wetsa dingwaga tse di masome matlhano le ntse le ipusa ka tshisibalo, ke phitlhelelo e kgolo e ba bonang ba tlamega go ntsha ga tshwene mo go e ipeleleng.
Kgosi Dube o kaile fa dingwe tse di tlaa tshwayang boipuso jwa monongwaga kwa motseng wa bone, e tlaa nna go ruta batsayakarolo mo ditirong tsa letsatsi leo ka ditso tsa motse wa bone; go supa tse di farologaneng tsa ngwao di akaretsa moopelo le mmino, metshameko ya ngwao le gone tota go tlhajwa ga mainane.
Tse tsotlhe a re e tlaa nna kaedi ya botshelo jwa maloba mo dikokomaneng tsa nako eno.
Mo dipaakanyong tsa bone, Kgosi Dube o boletse gape fa bogogi jwa motse bo tlaa kopana le dikereke mo bogautshwaneng go tlhola gore tsone di ipaakanyeditse jang go tsenya letsogo mo ipelelong boipuso.
Se, a re ba se dira ka temogo ya fa kereke e le botlhokwa thata ka e tswa goolowe e na le seabe mo go tshwaraganyeng setshaba.
“Kereke gape e ntsha le bana mo ditseleng tsa tshokamo, mme se se thuse go dira gore ba tshele botshelo jo bo leele,” kgosi o ne a tlhalosa jalo.
Go sale foo, Kgosi Dube o ne a rolela hutshe batlapele ka seabe se ba nnileng le sone mo go ageng lefatshe leno; a supa fa mo motseng wa bone ba tlaa ipelela bagolo ba motse wa bone ka tsela e e faphegileng go ba lebogela tsotlhe tse di molemo tse ba di diretseng motse wa Ramokgwebana ga mmogo le lefatshe la Botswana ka kakaretso.
Mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Wazha Malomo le ene o ne a supa fa ba gatetse pele ka dipaakanyo, a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go kokoanya madi a a kanang ka P50 000 gore sepe se se tlaa tswang kwa pusong e bo e le motlaleletsa mo maitekong a bone e le banni.
Rre Malomo o supile gape ga e tlaa re pele ga letsatsi la boipuso, banana ba metse ya Ramokgwebana, Moroka, Jackalas 1 le Kgari ba tlaa tshwara metshameko e akaretsa kgwele ya dinao le bolotloa, ga mmogo le go tshegetsa dikgaisano tsa poko, dikhwaere le mmino wa setso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : Ramokgwebana
Event : Potsolotso
Date : 31 May 2016






