Breaking News

Ba kopiwa go emela boipuso ka dinao

01 Jun 2016

Banni ba Kaudwane, Salajwe le Khudumelapye mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng ba kgothaditswe go ema ka dinao go ikgobokanyetsa madi a a tlaa ba thusang go dira gore metse ya bone e kgone go nna le ipelelo boipuso jwa bomasome a matlhano e e duleng diatla.

E rile a bua mo phuthegong e e neng e buisiswa ke molaodi wa kgaolo-potlana ya Letlhakeng, mogolwane go tswa mo ofising ya banana, Mme Felicity Nyoni, o ne a tlhalosa fa ofisi ya gagwe e tlaa ntsha lemmenyana la madi go ba thusa mo ditirong tsa letsatsi leo, mme a tlhalosa fa lemme leo le ka se lekane go dira tsotlhe tse di tlaa tlhokegang.

A re se ke ka go bo metse e le mentsi lefatshe leno ka bophara ka jalo puso e ka se kgone go fa motse mongwe le mongwe madi a a lekaneng. 

Ka jalo o ne a ba rotloetsa go tla ka maano a go leka go kokotletsa madi jaaka go tshwara dikgaisano tsa bo mmabontle mo motseng.

Mo go tse dingwe Mme Nyoni o ne a gakolola batho ba metse eo go phepafatsa metse ya bone gore e re molelo wa kgolagano le ipelelo boipuso di tla, di fitlhele e kgatlhisa, mme a ba rotloetsa go kgabisa dikgotla tsa bone ka mebala ya lefatshe leno.

Le fa go ntse jalo o ne a ba tlhagisa go ela tlhoko gore ga ba fose mmala wa botala jwa loapi wa folaga ya Botswana, a re makgetho a le mantsi batho ba na le go dirisa botala jo bo topegetseng jo e seng jone. 

O ne gape a ba rotloetsa go ithuta go opela pina ya setshaba ka tsela e e tshwanetseng ka jaana le yone batho ba itlwaeditse go e opela ka tsela e sele. 

Molaodi wa kgaolo eo, Rre Boammaaruri Otlhogile o ne a gakolola batho ba metse eo go netefatsa fa dikomiti tsotlhe tsa motse, bogolo jang ya boipuso di tshela ka jaana e tlaa bo e le tsone sesana se dipaakanyesto di beileng mo go tsone.

O tlhalositse fa ba tlaa netefatsa gore go nna le badirelapuso ba ba tlaa gakololang komiti eo ka ditsamaiso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Olekantse Sennamose

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego

Date : 01 Jun 2016