Khwee o ipela ka mananeo
30 May 2016
Banni ba Khwee mo kgaolong-potlana ya Boteti ba tlhalositse fa ba itumelela mananeo a puso ka ba re a tlhabolola matshelo a bone.
Ba buile se fa ba amogela molelo wa kgolagano mo motseng wa bone bosheng.
Ba tlhalositse fa mananeo a le mosola thata mo nakong ya gompieno e letlhoko la ditiro le ileng magoletsa.
Banni ba galaleditse puso go bo e tsile ka mananeo jaaka Youth Development Fund (YDF), LIMID le la Ipelegeng ka ba re se se supa fa puso e le kutlwelo botlhoko e bile e kgathala ka matshelo a batho ba yone.
Banni ba ne gape ba lebogela gore molelo o bo o gorogile mo motseng wa bone ka ba re se se supa fa lefatshe leno e le la thokgamo.
E ne ya re a a fa ditso tsa motse oo, mogolo mo motsing, Rre Gongwe Dauwe, a tlhalosa fa kwa tshimologong motse o ne o bidiwa, Xwhee, go tewa ‘botshelo’ ka teme ya Sesarwa.
A re e ne ya re batho go palelwa ke teme ya Sesarwa ba felela ba bitsa motse ba re Khwee.
Rre Dauwe a re e le batho ba letso la Sesarwa, ba ne ba tshela ka diphologolo tsa naga, maungo le digwere di tshwana le maruswa. A re go nwa metsi mo digwereng, ba ne ba dirisa sebokolodi se se suleng, ba se ntsha tlhogo le mateng mme ba dirisa phatlha e e fa gare go nwa metsi ka yone.
Rre Dauwe o kgothaditse batho Basarwa le Batswana ka kakaretso go somarela ngwao gore dikokomane tse di tlang di e fitlhele ka go bo tshaba e e senang ngwao e le mokang e suleng.
Molelo o ne wa isiwa kwa lefelong la ditso la Xhwee, lefelo le le humileng diphologolo di tshwana le dithutlwa, kgama, phuduhudu le tshephe.
Go ya ka Kgosi Gabareutwe Boloka, bogologolo go ise go nne le molao o o sireletsang diphologolo, ba ne ba tsomela gone kwa Xhwee mme ba di ja. Mo dinakong tse dingwe, kgosi o tlhalosa fa ba ne ba tshwara diphologolo di tshela mme ba di neele magosi a gaMmangwato kwa Serowe e le dimpho.
Kgosi o ne a lebogela molelo wa kgolagano ka a re o solofela fa o tsisitse, lesedi le le tlaa phatshimelang ruri mo motseng wa Khwee. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Oageletse Modirwagale
Location : KHWEE
Event : Molelo wa kgolagano
Date : 30 May 2016






