Breaking News

Monna o tshwerwe ka dipodi

30 May 2016

Mapodisi a Tati Town kwa Francistown a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa kgotla ya Molebatsi kwa Tonota a fitlhetsweng a pegile dipodi di le masome a mabedi le borobabobedi mo khombing e e pegang setshaba.

Mogolwane wa mapodisi, Superintendent Cyprian Magalela, o tlhalositse mo potsolotsong gore monna yoo o tshwerwe Motsheganong a le masome mabedi le borataro nako ya borobabobedi mo mosong.

O tlhalositse fa monna yoo a ne a ntshitse ditilo tsa khombi tsotlhe, mme a tlogela fela tse pedi tse di kwa pele sa mokgweetsi le sa mopagami, mme a olela dipodi.

Superintendent Magalela a re monna yoo go lebega a ne a fitlhela dipodi kwa mafulong.

A re morago monna yoo o ne a kopa mongwe  gore a mo tshwarele dipodi tseo mme o tlaa boa a di tsaya ka le le latelang  a supa fa di sale di timetse.

O tsweletse  a re dipodi tseo di ne tsa bonwa ke beng ba tsone morago ga gore ba sepodisi ba di batlise beng, a tlatsa ka gore dipodi tseo di ne di supa fa di na le matshwao a a farologaneng.

Superintendent Magalela o kopile setshaba go tlhomamisa ka dilwana pele ga ba ka dumelana, a kaya fa go le diphatsa go tsaya dilo tse o senang kitso e e tletseng ka tsone.

Gape o kopile barui go tlhokomela leruo la bone a re nako e gorogile ya gore setshaba se simolole go disa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 30 May 2016