Mpeo o rotloetsa bomme go ema ka dinao
30 May 2016
Mogolwane wa ofisi ya merero ya bong, Mme Matlhare Mpeo, o gwetlhile banni ba Sojwe go tsenya dikopo tsa dikgwebo tse ba eletsang go di simolola gore ba akole lenaneo la go itlhabolola ka go itshimololela dikgwebo.
Mme Mpeo o buile se beke e e fetileng fa ba ofisi eo mmogo le ba ofisi ya ga molaodi ya Kweneng ba etetse kwa motseng oo go ba abela dithuto ka tse di tlhokafalang gore ba tlhophiwe go thusiwa ka madi a go simolola dikgwebo.
O tlhalositse fa ofisi e e abela batho go itshimololela dikgwebo mme a re madi a ga a busiwe, fela a re ba ofisi e ba pepetletsa mogwebi a simolola kgwebo go fitlha ko dingwageng tse tlhano. A re mo nakong eo, ba a bo ba dumela gore kgwebo e a bo e setse e itshetletse.
A re kwa ofising e ba itebagantse thata le dikgang tsa bong mme maikaelelo e le go ntsha batho bogolo jang bomme mo lehumeng ka a re bontsi jwa nako ke bone ba amiwang ke dikgang tsa kgokgontsho.
O tlhalositse fa go itshimololela dikgwebo ga bomme go ba fa seriti le boleng mo lwapeng le mo setshabeng.
A re le fa kgatlhego e le thata mo go bomme, se ga se reye gore ofisi ya bone e kgaphela borre kwa thoko ka jaana le bone ba kgona go thusiwa fa ba na le bomme mo setlhopheng.
O tsweletse a tlhalosa gore le fa ba bodiredi jwa lenaneo le bo le boutsana ba ikaelela go ama kgaolo nngwe le nngwe go sedimosetsa setshaba ka lenaneo le.
Fa a akgela mongwe wa banni ba Sojwe, Mme Osenotse Kabukabu o ne a lebogela loeto lwa ofisi ya merero ya bong a tlhalosa fa le tsile ka nako e bontsi ja banni bo ngongoregang ka ditlamelo le mananeo a a gorogang morago ga nako kwa metseng e e kgakala jaaka wa bone.
O ne a kopa bodiredi joo go dirisa lefelo la ditirelo la Sojwe e le ofisi ya bone go ba thusa ka melaetsa le dikgakololo tse di tlhokafalang go fefosa go tsenya dikopo tsa bone.
Mongwe wa banni, Rre Sikalame Kootswetse o tlhalositse fa bontsi jwa Batswana ba rata temo-thuo mme a re letlhoko kana tlhaelo ya metsi e ama go atlega ga dikgwebo tsa temo-thuo.
Rre Nlisi Chakalisa yo e leng mongwe wa banni fa a akgela, o tlhalositse fa ba sena thotloetso le kemo nokeng mo metseng e e kgakala le ditlamelo ntswa ba iteka ka go tsenya dikopo go akola mananeo a puso.
A re bangwe ba dikgwebo ba tlhaelela mo tseleng ka ba felela ba kgobega marapo ka bodiredi bo tsaya lobaka go lekola dikgwebo tsa bone gore a di tsweletse sentle.
Mo go la gagwe molaodi wa Kweneng, Dr Temba Mmusi o solofeditse banni ba motse oo gore ga ba kitla ba latela ditlamelo kana ditirelo kwa Gaborone, a re o ikemiseditse go tsisa bodiredi jo bo lebaneng ko bathong a tlhalosa fa a batla bodiredi jo bo lomaganeng le morafe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Onalenna Montshwari
Location : MOLEPOLOLE
Event : Dithuto
Date : 30 May 2016






