Puleng o ikuela mo banning ba Letlhakeng
29 May 2016
Mothusa kgosi wa Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng, o kopile banni ba motse oo go tsena diphuthego tsa kgotla ka bontsi le ka nako, go baakanyetsa metseletsele ya meletlo e e tlaa tshwarwang mo motseng wa bone pele ga boipuso.
Kgosi Puleng o buile se fa a ne a amogela baeng kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo Rre Liakat Kablay ka Motsheganong a le masome mabebedi le bone.
Kgosi Puleng o supile fa go tlaa nna le moletlo wa ditshupo ka kgwedi ya Phukwi, go nne le letsatsi la ngwao, molelo wa kgolagano pele ga moletlomogolo wa boipuso jo bo faphegileng jwa dingwaga tse di masome a matlhano.
Erile a ba lekodisa ka tsa palamante e e fetileng, mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng-Lephepe Rre Kablay, a supa fa ba ne ba ile go aba madi a maphata kwa palamenteng e e fetileng, a supa fa lephata la thuto le abetswe madi a mantsi gore le tle le tokafatse ditirelo tsa thuto le gone go tokafatsa seemo sa thuto mo lefatsheng leno.
O boletse fa go tlaa baakanngwa matlwana a borutelo, go tlhabololwa dikole, go okediwe barutabana dithuto ga mmogo le go agelwa matlo a boroko.
Rre Kablay o ne a kopa batsadi go tsenya letsogo go thusa puso mo thutong ya bana ba bone, le gone go ba ruta gore ba seka ba senya dikago tsa sekole fa ba ngongoregela sengwe, mme ba bue le mekgatlho ya bone gore ba rarabolole dikgang tsa bone.
O kopile batsadi go loma tsebe ba molao ka batsadi ba ba rekisetsang bana ba sekole ditagi ka jaana ditagi tse di felela di senyetsa bana ba bone bokamaso.
Rre Kablay o boletse gape fa lephata la ditswammung, kgotetso le metsi, le abetswe madi a mantsi go baakanya diphaephe tse di gogang metsi go tswa kwa bokone jwa lefatshe leno go tla borwa le go katolola didiba le gone go gokelwa motlakase mo metseng e mesha. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Letlhakeng
Event : Phuthego
Date : 29 May 2016






