Radisele o itumelela ditlhabololo
29 May 2016
Banni ba Radisele mo kgaolong ya botlhophi ya Serowe Borwa, ba iteetse mmuso legofi ka ditlhabololo tse di dirwang mo motsing wa bone ka lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP mo ngwageng wa madi wa 2016/17.
Ba supile boitumelo jo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mokhanselara wa kgaolwana eo, Rre Kgosiemang Monare.
Ba re le ntswa ba tshelela mo leshekereng la tlhaelo ya metsi mo e bileng ba palelwa ke go dirisa mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone, ba lebogela ditiro tse di tlaa dirwang mo motsing wa bone jaaka go shafatsa matlo a boroko jwa baithuti le barutabana mo sekoleng se segolwane le go tshelwa ga tsela ya Pilikwe/Radisele sekontere.
Rre Monare a re ditiro dingwe tse di tlaa dirwang ke go atolosiwa ga kokelwana ya Radisele mo ngwageng wa madi wa 2017/18.
A re le ntswa e le keletso ya mmuso go isa ditlamelo kwa bathong, sebe sa phiri ke tlhaelo ya madi e e bakilweng ke kwelo tlase ya itsholelo ya mafatshe e e neng ya pateletsa mmuso go seegela ditiro dingwe kwa thoko.
Mabapi le tlhaelo ya metsi, mokhanselara o tlhalositse fa mogolwane wa khamphane e e thapilweng go aga madirelo a a tlhatswang letswai kwa didibeng tsa Bikwe a solofeditse fa tiro eo e tlaa wela kgwedi ya Lwetse e ya fifing monongwaga.
Mo phuthegong eo, batho ba ne ba farologana ka megopolo fa bangwe ba ne ba kopa gore morafe o ntshe madi a tlaa dirisiwang go reka kgomo e e tlaa phekolang sediba sa motse wa bone se go bolelwang se senyega kgapetsa-kgapetsa ntateng ya go ngongorega ga badimo ba ba nnang mo thabeng e sediba seo se epilweng mo go yone.
Le fa bontsi jwa batho bo ne bo dumelana le mogopolo wa go phekolwa ga sediba, Kgosi Kakanyo Botoka wa Radisele o tlhalositse mo puisananong fa a sa itse sepe ka kgang eo ka jaana a ise a rerisiwe e bile a sa dumele mo ditirong tsa sedimo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : Radisele
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 29 May 2016






