Breaking News

Nyalo e tshwanetse go tlhomamisiwa

29 May 2016

Tona wa tsa Pereko le  Selegae, Rre Edwin Batshu,  o rotloeditse Batswana  go tsena mo nyalong e e tlhomamisitsweng ka fa molaong.

Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Moremaoto ka bosheng, Rre Batshu  a re lefatshe leno le lemoga dinyalo tse pedi, ebong ya Setswana e e rurifadiwang ke kgosi  le nyalo ya kwa ga molaodi fela.

Tona o  tlhagisitse fa go tsena mo dinyalong tse di sa lemogiweng ke molao go ka dira dikgogakgogano bogolo jang fa mongwe a hulara mme se se dire gore bana ba sale ba sotlega.

Rre Batshu o gakolotse gore nyalo ke thulaganyo ya Modimo ka jalo a e tlotliwe.

O ne a tlhalosetsa banni ba Moremaoto fa go na  le lekgotla la Re a Nyalana le le trotloetsang batho ba ba sa bolong go nna mmogo go nyalana kgotsa go rurifatsa manyalo a bone.

“Fa o le mo nyalong e e sa rurifadiwang ga o a sireletsega ka fa molaong” tona,Rre Batshu a tlhagisa.

Rre Batshu o ne a kopa Batswana go ntsha matlho mo dikgapheng ka a re  go na le dinyalo tse di fatlhang, tse batswakwa ba batlang  go nyala  Batswana go bona boagedi fela. 

“Segolo bogolo ba ba tlhokafaletsweng ke borre ke bone ba ba tsomiwang ke batswakwa ba.”

Bontsi ba dinyalo tseo go tlhakanelwa dithoto.

Rre Batshu o  gakolotse bana ba ba nang le boagedi jo bobedi go itlhotlhora boagedi jo bongwe fa ba nna le dingwaga tse di masome a mabedi le bongwe.

 O tlhalositse fa lefatshe leno le sa letlelele boagedi jo bo fetang bongwe mo  mothong  yo o dingwaga tse  di fetang masome a mabedi le bongwe. 

Kgosi Michael Masheto wa motse oo, o tlhalositse fa seemo sa matlwana a boitiketso kwa sekoleng se sebotlana se le diphatsa, a re a magologolo fela thata.Modulasetilo wa komiti ya dithabololo tsa motse,Rre Tikologo Manchedu, yo le ene a supileng fa seemo sa matlwana a boitiketso a le borai mo baithuting, o supile fa go na le tlhaelo e tona ya boroko jwa badirelapuso.

Rre Manchedu o ne  supa fa seemo sa motshelakgabo o ba o dirisang mo nokeng ya Boteti se baya matshelo a batho mo diphatseng  fa noka e ela,e bile seemo se ka ama bojanala. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : Moreomaoto

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 29 May 2016