OLDM e tokafaditse maduo a sekole
29 May 2016
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Mokobaxane, Mme Francinah Masole, o galaleditse maiteko a meepo ya Orapa, Letlhakane le Damtshaa (OLDM), a go ithaopela sekole sa gagwe ka a re a thusitse go tokafatsa maduo a sone.
Mme Masole o boletse se fa a amogela molelo wa kgolagano kwa sekoleng sa gagwe ka Motsheganong a le masome a mabedi le bosupa.
A re sekole se na le dingwaga tse dintsi se sa dire sentle mme mo ngwageng o o fetileng ba kgonne go bona masome a marataro le borataro mo lekgolong.
A re mo maitekong a go thusa puso mo ditlhabololong, meepo e ne ya ithaopela sekole sa Mokobaxane ka ngwaga wa 213 mme ba se thusa ka didikadike tse pedi tsa dipula.
O ne gape a tlhalosa fa a lebogela go tla ga molelo mo sekoleng ka a dumela fa go tlaa bula dikgoro tsa katlego le tokafalo ya maduo go ya go ileng.
E ne ya re a a fa ditso tsa motse, Kgosi Meshack Kaponene wa Mokobaxane a tlhalosa fa motse wa gagwe o simolotse e le moraka wa batho ba Mopipi ka ngwaga wa 1952 fa batho ba morafe wa Baherero bone ba ne ba dirisa lefelo leo e le mabitla.
A re ka ngwaga wa 1983 Mokobaxane o ne a tlhomamisiwa go nna motse ba eteletswe pele ke Kgosi Sakarea Kedi.
Motse wa Mokobaxane o na le merafe ya Basarwa, Bateti le Baherero.
Kgosi Kaponene a re molelo wa kgolagano ke sekai sa lesedi le le tlaa tukang mo lefatsheng la Botswana go ya go ileng. O weditse ka go kgothatsa banni ba motse go tswelela ka mowa wa neelano, kagiso le lorato tse lefatshe la Botswana le itsegeng ka tsone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Oageletse Modirwagale
Location : MOKOBAXANE
Event : Molelo wa kgolagano
Date : 29 May 2016






