Breaking News

FNB e tsentse letsogo go thusa ba ba tlhokang

29 May 2016

 First National Bank (FNB) e tsweletse ka go abela baithuti ba dikole ditlhako.

Sengwe sa dikole tseo ke sa Botshabelo kwa Selebi Phikwe.

E rile a bua kwa moletlong wa go abela baithuti ditlhako, mogokgo wa sekole sa Botshabelo, Mme Margaret Mthunzi, a re FNB e gorositse dimpho ka nako e e maleba ya mariga ka baithuti ba bangwe ba ne ba tsamaya ka dinao ba sena se ba se rwalang.

Mme Mthunzi a re Botshabelo o dikologilwe ke masimo ka jalo bana bangwe ga ba kgone go tsena sekole sentle mme fa ba bangwe ba tla morago ga nako.

Molalediwa wa tlotla, e leng Tona wa Dikago, Boranyane le Boitsaanape e bile e le mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofo Molefhi, a re ga go reye gore motho fa a aba o a bo a na le go le gontsi fela o a bo a gwetlhegile go bona letlhoko le batho ba bangwe ba tshelelang mo go lone.

Rre Molefhi a re Batswana ba tshwanetse go itse fa thuto e tura mme e bile ditshenyegelo tsa yone di golela pele mo puso e ka sekang ya kgona e le nosi mme batsadi le dikhamphani tse di ikemetseng di tshwanetse go tsenya letsogo go thusa.

Rre Molefhi o ne a gakolola batsadi ba ba gatakang ditshwanelo tsa bana ka dinao le go ba rontsha thuto gore molao o teng o o ka dirisiwang go ba tseela dikgato.

O ne a kgala batho ba ba ikgatholosang kgokgontsho e e diragalang mo malwapeng.   

 Banka ya FNB e ne ya abela bana ba sekole se sebotlana sa Botshabelo ba le 743 ditlhako tsa sekole fa kwa Robelela mo kgaolong ya Mmadinare ba ne ba le 219.

E rile a tswa la gagwe, mookamedi wa FNB kwa Selebi Phikwe, Rre Lucky Bogopa a re ba simolodisitse lekalana la First National Foundation ka ngwaga wa 2001 mme maikaelelo e le go thusa fa go nang le letlhoko teng.

Rre Bogopa a re FNB e ikemiseditse go thiba fa go supafalang go na le letlhoko teng, a re go simolola ka ngwaga wa 2001 ba setse ba dirisitse P40 million mo dithusong.Rre Bogopa e a re ngwana ga se wa motho a le mongwe fela mme mongwe le mongwe fa a leng teng o tshwanetse go tsaya maitlamo a go bona gore ngwana o gola e le motho yo o nang le boikarabelo gore a tsoge a na le boikarabelo,a re batsadi ba tshwanetse go netefatsa gore bana ba tsena sekole ka dinako tsotlhe.

E rile a afa lefoko la kgothatso mothusa modulasetilo wa khansele-potlana ya Bobirwa e bile e le mokhanselara wa Mmadinare–Robelela Rre Sylvester Masweu, a re go sa kgathalesege gore ngwana o tswa mo lwapeng le le kwa tlase go le e kae o ka kgona go fitlhelela ditoro tsa gagwe mo botshelong.

Rre Masweu a re batsadi le barutabana ba tshwanetse go tsaya ngwana mongwe le mongwe gore o ka nna le bokgoni mo ditirong tse di farologaneng, mme a tswelela a kgalema batsadi ba ba tlogelang bana go ya go nwa nnotagi go emisa go dira jalo ka ke yone nako e tiriso botlhaswa mo baneng e diregang ka yone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Kabo dimpho

Date : 29 May 2016