Go sa duela mmereki ka nako ke molato
29 May 2016
Go tlhoka go duela mmereki ka nako ke tlolo molao e e ka otlhaelwang motho.
Se se tlhalositswe ke Tona wa tsa Pereko le Selegae, Rre Edwin Batshu, kwa Moreomaoto fa a tsibogela matshwenyego a gore dikhamphani dingwe tse di disang dikago ba tsaya lebaka go duela babereki ba bone.
Rre Batshu a re molao wa pereko o laola gore fa o dumalane le mmereki gore o mo duela kgwedi e le kae o tshwanetse wa dira jalo.
Le fa go ntse jalo, a re fa mohiri a ka palelwa ke go duela mmereki ka letsatsi la kgwedi le ba le dumalaneng molao o mo fa malatsi a pereko a le mararo fela gore a bo a duetse mmereki yoo, eseng jalo o abo o tlodile molao e bile o ka otlhaiwa.
A re ba tlhaloseditse beng ba dikhamphani tse di disang dikago gore go nne go na le madi a a beetsweng fa thoko gore ba kgone go duela babereki ba bone ka nako.
Mo go tse dingwe,Rre Batshu o ne a tlhalosa gore e tlaa re kgwedi ya Seetebosigo e simologa seelo sa dituelo tsa badisa se se kwa tlase (minimum wage) e tla bo e le makgolo a marataro le masome a babedi a dipula fa sa babareki ba mo malwapeng e tlaa nna masome a a supa a dipula,masome a fererabobedi le bosupa jwa dipula.
O ne a gakolola gore,ka ditumalano, mohiri o ka rekela modisa dilo tse a di tlhokang ka madi a a sa feteng masome a mane mo lekgolong go tswa mo mading a modisa a kgwedi,mme a mo neele masome a marataro mo lekgolong a madi a gagwe.
O ne a gakolola bahiri le babereki go tsena mo ditumalanong tsa pereko pele tiro e simologa, a re e ka nna ka mokwalo kgotsa ka molomo e bile ba ka nna le basupi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : Moreomaoto
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 29 May 2016






