Breaking News

Ipelegeng e thusa mokgatlho wa ba-na-le-bogole

26 May 2016

 

 Ofisi ya Ipelegeng e dule thuso lekalana la ba-na-le-bogole kwa Letlhakeng mo go direng ditiro tsa bone ka jaana ba sokola ka madi.

E rile a bua mo potsolotsong bosheng, mothusa modulasetilo wa komiti ya ba-na-le-bogole ya Botsogo Association for the Disabled, Mme Leago Obotseng a tlhalosa fa ofisi ya Ipelegeng e ba tshologile mokgosi ka go ba duelela babereki.

A re letlhoko la madi le ntse le ba ketefaletsa go lema tshingwana ya bone ya merogo ya diekere tse tharo ka jaana ba ne ba sa kgone go duela babereki, mme a re thuso eo e tsile ka nako e e lebaneng.

O kaile fa ba kopile dithuso tsa madi bo makalaneng ka go farologana, mme a re fa ba ka atlega, maikaelelo a bone ke go dirisa bontlha bongwe jwa tshingwana eo go aga mabala a metshameko, diofisi ga mmogo le mabentlele a dijo mme ba di hirise gore ba tle ba kgone go bona letseno la go tsamaisa mokgatlho wa bone.

O supile fa mopalamente wa kgaolo a kopana le bone gangwe le gape go ba thusa ka megopolo ya go tsamaisa mokgatlho oo ga mmogo le gone go kopa dithuso mo bagwebing ba kgaolo ya bone.

Mme Obotseng o tlhalositse fa dikgwetlho tse ba nang le tsone e le letlhoko la dipalamo go tsamaya le kagolo ya bone go etela metse e e mabapi go ruta bangwe ka bone ka mosola wa mokgatlho wa bone. 

Le fa go ntse jalo a re se ga se ba kgobe marapo ka ofisi ya ga molaodi e ba eme nokeng mo go lekeng go ba thusa ka go ba kopela dithuso kwa go ba ba maleba.

O tsweletse ka go tlhalosa fa maikaelelo a mokgatlho wa bone e le go ntsha banalebogole kwa mahure ka jaana se se sa ba siamela, e bile a re ba dumela fa banalebogole le bone ba ka nna le seabe mo go tlhabololeng lefatshe leno fela jaaka Motswana mongwe le mongwe. ENDS

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Madianakedi

Location : GABORONE

Event : INTERVIEW

Date : 26 May 2016