Ba kopiwa go itsaa ka motlhala
26 May 2016
Mogolwane wa lekalana la Motor Vehicle and Accident Fund (MVA) kwa bokone, Rre Kite Nkala, o kopile barutabana go boela kwa mokgweng wa go dira wa bogologolo gore ba kgone go ntsha maduo a a botoka.
Fa a bua kwa tirong ya go fa mokgatlho wa masupatsela meropa e le mebedi kwa sekoleng se se golwane sa Badale kwa Mathathane go tswa kwa lekalaneng la MVA, Rre Nkala a re thulaganyo ya pereko ya gompieno e barutabana ba akareditsweng go dira jaaka badiri ba bangwe ba puso e kgoreletsa tiro ya bone ka go ruta e le tiro e e pharologanyo.
Rre Nkala a re tiro ya go ruta ga e kake ya beelwa dinako mme a re le fa go ntse jalo o lebogela gore baruatbana ba tshwere ka thata go ruta bana le go ntsha maduo a a itumedisang.
O supile fa barutabana ba lebaganwe ke tlhaelo ya boroko mme a re puso e tlaa araba seo ka lenaneo la go rudisa itsholelo la Economic Stimulus Programme.
A re go supa fa barutabana ba tshwere ka thata go ruta sekole sa Badale ka jaana ngwaga o o fetileng se dirile 65 per cent le ntswa ba lebaganwe ke dikgwetlho.
Go ne ga abelwa gape baithuti ba ba dirileng sentle mo dithutong tsa bone mme Rre Nkala o kopile baithuti go tsenya marapo mo dinameng mo dithutong tsa bone gore ba kgone go fitlhelela maikaelelo a bone.
Rre Nkala a re ba tlaa tswelela ka go ema sekole sa Badale nokeng mme e bile ba tlaa abela baithuti bangwe dimpho go ba rotloetsa.
Sekole se se ne gape sa fiwa kopi e e amoganwang go tswa kwa go mokhanselara wa Mathathane, Rre Mootlana Tshebedi le mohumagadi wa gagwe Mme go rotloetsa baithuti go tlhwaafalela dithuto tsa bone.
Mogokgo wa sBadale, Rre Lesiba Legwaila a re barutabana ba eme ka dinao go ruta baithuti ga mmogo le go tlhokomela dikago le dithuto tsa sekole.
Rre Legwaila a re dikago tsa sekole seo di mo seemong se se siameng ka ba se tlhokomela.
Morutabana wa sekole seo, Rre Josephe Nketsing a re lephata la thuto le ikemiseditse go fa bana thuto ya maemo a ntlha gore ba kgone go itepatepanya le mafatshe a mangwe.
A re sekole sa Badale le sone se tshwere moono o wa go ntsha baithuti ba ba tlhwatlhwa ke ka jalo ba abelang ba ba dirang sentle gore ba tswelele ka go ithuta.
Rre Nketsing a re mo tirong ya bone ya go ruta ba e tshwaraganetse le makalana a a ikemetseng ka nosi e le tsela ya go rotloetsa baithuti. ENDS
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : MATHATHANE
Event : MEETING
Date : 26 May 2016






