Breaking News

Tsayang botsogo ka tlhwaafalo

26 May 2016

Badiri ba lephata la temo-thuo ba kopilwe go fetola maitsholo ka go tsaya botsogo jwa bone ka tlhwaafalo ka e le jone bo ka dirang gore ba ntshe maduo a a nametsang mo tirong ya bone ya tsatsasi le letsatsi.

E rile a bua mo thuto-puisanong e e neng e rulagantswe ke ba lephata leo kwa Letlhakeng, morulaganyi wa yone Rre Kushatha Stephen a tlhalosa fa maikaelelo a yone e ne e le go rotloetsa bodiredi go fetola maikutlo kwa ditirong le go ba rotloetsa go itlhatlhobela malwetse ka go farologana ka botsogo bo tla pele ga sengwe le sengwe.

Rre Stephen o boile a supa fa go tlhoka madi o le modiri go ka ama maduo mo tirong ka tlhaloganyo e nna ka go eta e bile modiri a nna ka go itebala. 

O ba gakolotse fa go iphetisa dino go ka ba bakela malwetse mme se se se felele se digela maduo a tiro kwa tlase.

E rile a ba ema ka lefoko, mookamela baoki ba kgaolo ya Kweneng Bophirima, Mme Midah Mogonono yo e neng e le sebui sa tlotla, a tlhalosa fa go na le malwetse a a sa tshelanweng mme a le borai jaaka kankere, bolwetse jwa sukiri kana madi a matona.

A re malwetse a go nna jalo a nna borai le go feta fa molwetse wa one a a nwa bojalwa. 

O bile a kopa badiri bao go ikgapha mo nnotaging le go dirisa diritibatsi di tshwana le motokwane ka go le borai mo matshelog a bone ga mmogo le a baberiki ka bone.  

Mme Mogonono o kaile fa malwetse a sebete a dirwa ke go nwa bojalwa phetelela mo go dirwang ke badiri bangwe mme se se baya matshelo a bone mo diphatseng, o bile a supa fa sebete le diphilo e le dikarolo tse di botlhokwa thata mo mmeleng ka jalo di tlhoka tlhokomelo e e tseneletseng gore motho a kgone go tshela botshelo jo bo phepa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Madianakedi

Location : LETLHAKENG

Event : Thuto-puisano

Date : 26 May 2016