UCCSA e a ipela
26 May 2016
Kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) kwa Bobonong e digela dingwaga tse di lekgolo e ntse e le teng.
Moruti wa kereke e, Rre Tebogelo Taolo o tlhalositse mo potsolotsong gore kereke e e simolotse ka ngwaga wa 1912 nako e motse wa Bobonong o neng o simologa.
Moruti Taolo a re nako e kereke e neng e simologa go ne go sena kereke epe ka nako eo.
O boletse fa nako e kereke e, e neng e simologa e ne e tsenela fela mo lebaleng le fa e agilweng teng mo nakong ya gompieno go sena dikago.
Moruti Taolo a re ntlo ya kereke e ne ya agiwa ka ngwaga wa 1917.
O boletse fa mogopolo wa go aga ntlo ya kobamelo o tsile ka Kgosi Kgama yo e leng rraagwe mogolo Tautona wa lefatshe leno Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama.
A re morafe wa Babirwa o ne wa amogela mogopolo o ka matsogo oo mabedi mme morafe wa simologa go ithaopela go ntsha dikgomo, madi, go foroma ditena le go dira ka diatla go simolodisa kago ya ntlo ya kobamelo ya kereke e.
Moruti Taolo a re e rile kago ya kereke e sena go fela , go ne go rapelwa Modimo mo teng ga yone ka letsatsi la Tshipi e bile mongwe le mongwe mo motseng o ne patelesega go ya kerekeng ka letsatsi la Tshipi.
O boletse fa letsatsi la Tshipi le ne le tlotlwa le seegetswe kwa thoko gore ke le go obamelwang Modimo ka lone gape batho ba ne ba sa tshwanela go dira ditiro tsa mo malwapeng ka letsatsi le.
A re mo motseng go ne go na le monna mongwe a bidiwa Rre Kwarare, a re rre yo o ne filwe boikarabelo jwa gore ka letsatsi la Tshipi a tsamaye mo malwapeng mo motseng a tlhole batho ba ba sa yang kerekeng mme fa motho a ka fitlhelwa a dira ditiro tsa mo lwapeng ka letsatsi leo o ne a lebisiwa molato wa go sa ya kerekeng mme a gapelwe le didirisiwa tse a neng a di dirisa morago a ye go di rekolola kwa kgotleng.
Moruti a re ka nako eo go ne go sa letlelelwe kereke epe go nna teng mo motseng go itsewe fa kereke e le Lontone fela.
O boletse fa ka nako eo Babirwa ba ne ba busiwa ke Kgosi Modisaotsile yo o neng a tswa kwa Serowe e bile ka nako ya gagwe go ne go sa nowe bojalwa mo motseng ka letsatsi la Tshipi.
Moruti a re kago e ya ntlo ya kereke e ne e dirisiwa gape e le ntlo ya thuto go ne ne go na le sekole se se neng se tsenela mo teng ga yone.
A re bontsi jwa Babirwa ba ba kileng ba tshwara maemo a a kwa gogimo mo pusong le ba ba sa ntseng ba bereka mo nakong ya gompieno ba tsene sekole kwa kerekeng e.
Moruti a re mogolwane wa kompone ya Botswana Meat Commission (BMC) wa nako ya gompieno Rre Akolang Tombale le mopalamente wa Bobirwa wa pele yo o sa tlholeng a le mo botshelong Rre Walter Mosweu, ke bangwe ba ba kileng ba tsena sekole mo kerekeng e.
A re kereke e gape e ne e dirisiwa e le lefelo le go nyalelwang mo go lone e bile go ne go dumelwa fa e le lefelo le le maleba gore go nyalelwe mo go lone ka moruti o ne a fa banyalani molao wa nyalo e bile ka nako eo go ne go sena ditlhalano ka go supa fa banyalani ba ne ba tsaya molao wa nyalo ka tlhwaafalo ba sireleditswe ke lefoko la Modimo.
Moruti a re moruti wa kereke e, wa ntlha o ne a bidiwa Moruti Seodubeng yo o neng a tswa kwa Serowe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kago Kgosietsile
Location : BOBONONG
Event : Potsilotso
Date : 26 May 2016






