Ba lebogetse loeto la ga tona
25 May 2016
Batho ba Matlapana mo kgaolong ya Maun, ba lebogetse leeto la tona wa tsa pereko le selegae Rre Edwin Batsu ba re le ba butse matlho ka dikgang tse a neng a di ba baya pele.
Ba buile jalo kwa kgotleng ya motse oo kwa tona a neng a buisa phuthego teng beke eno.
Rre Olopeng Dobe a re tona o ba neetse mafoko a mantle thata a ba ntseng ba sa a bone gope a re badirelapuso ga ba tlhalose dilo jaaka tona a boletse.
Rre Dobe a re seo se supa gore ba ntse ba sa tlhaloganye dilo di le dintsi segolo jang ka melao ya tsa khiro mme a re o leboga thata ka ba bonye thuto e ba sa bolong go e tlhoka.
Rre Oarabile Johannes ene o ne a kopa tona gore go nne go dirwa dithuto tse di ka bulang batho matlho segolo jang ba kgaolo eno ka melawana ya tsa khiro.
A re go sa ntse go na le dikampa dingwe mo makgobokgobong tse di kgokgontshang babereki mo go botlhoko.
O tsweletse a re bone batho ba ba kgokgontshiwang ba ga ba ntshe dipego dipe ka tota go lebega ba sa ntse ba sa tlhaloganye go le gontsi ka ditshwanelo tsa bone.
A re mo nakong ya gompieno dikampa dingwe di sa ntse di na le melao ya gore babereki fa ba tla go tsaya dipilisi tsa bone tsa diritibatsi ba ipege mo difofaneng tsa bone.
A re go dira jalo go baka gore batho bao ba berekele madi a difofane fela mme seo se dire gore fa ba tla gae ba bo ba tla ba sa tshola sepe mme a re fa ba ka rutwa ka melawana ya tsa pereko gongwe go ka nna botoka.
O bile a kopa tona gore nako nngwe a tle a etele dikampa tse di mo makgobokgobong go bua le babereki ba gore le ene a tle a utlwe mathata a ba nang nao.
Rre Aron Sitilo o ne a ngongorega ka medumo e a rileng e bakiwa ke barekisi ba nnotagi e se ka fa molaong.
A re medumo eo e dira gore le maduo a sekole sa motse wa bone a wele tlase ka bana ba nna fela koo.
Fa a ba kgwa dikgaba, tona Rre Batsu a re o dumela fa dithuto tsa pereko di le botlhokwa thata.
O tlhalositse fa dikgang di tshwana tsa medumo mo motseng e le tsa lekalana la tiragatso molao la khansele mme a gakolola gore batho ba ne ba bega medumo eo kwa mapodiseng.
A re ene o lemogile fa batho ba tshaba go bega ka mokwalo mme a re seo se dira gore dikgang tsa bone e nne ekete ga di a buiwa.
Ka dikgang tsa bo Omang ba ba busiwang, o dumela fa botsadi jo bo a bong bo setse le bana ka nako eo fa batsadi ba le kwa ditirong e le jone bo sa ntsheng bosupi jo bo tlhamaletseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN-
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 25 May 2016






