Breaking News

Molelo wa kgolagano o tsisa kagiso-Kgosi

25 May 2016

Molelo wa kgolagano o tsisa tlotla, kgolagano, popagano, kagiso mo malwapeng ga mmogo le mo lefatsheng ka bophara.

Mafoko a, a builwe ke leloko la Ntlo ya Dikgosi gape ele mothusa kgosi ya Mahalapye Kgosi Tshipe Tshipe mo dithapelong tsa go rapelela molelo wa kgolagano le segopotso sa bao ba latlhegetsweng ke botshelo ka ntlha ya bolwetsi jwa AIDS.

Molelo wa kgolagano o tsile go goroga mo motseng wa Mahalapye kgwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi a le mabedi.

Kgosi Tshipe Tshipe a re molelo yo o tsile go busetsa tshotlhe dikgwetlho tse di aparetseng lefatshe leno mo tshiamong, di tshwana borukutlhi, malwapa a sa iketlang, malwetsi le tse dingwe.

 O ne a tlhalosa gore molelo wa kgolagano o supa lesedi, le tshotlhe tse di siameng mme ka jalo Batswana bogolo jang banni ba Mahalapye ba tshwanetse go o tsaya ka tlhwaafalo gore ba fetole matshelo a bone.

O ne a kopa botlhe go tsaya karolo go bona gore fa molelo yo o goroga mo motseng o fiwa tlotla e e o tshwanetseng.

Fa tswa la gagwe, modulasetilo wa lekgotla la dikereke la Mahalapye Moruti Dichaba Kebaagetse a re ba bone go le botlhokwa go rapelela molelo yo wa kgolagano o ise o goroge ka thapelo key one e ka fenyang tshotlhe dikgwetlho.

Moruti Kebaagetse a re kgorogo ya molelo e tshwanetse go fitlhela ba setse ba adile thapelo mo motseng wa Mahalapye gore go se nne dipe dikgoreletsi tse di ka tlhagogang.

A re jaaka e le bone lesedi la lefatshe ba bone gape go le botlhokwa go nna le seabe ele dikereke go bona gore maikaelelo a molelo yo a a kgonagala, go bonesetsa batho mo dikgwetlhong tse ba kopanang le tsone ka thapelo.

O nea tlhalosa gape gore ba batla gore maikaelelo a molelo yo wa kgolagano a seka a nyelela go fitlhela kwa dingwageng tse dingwe tse di masome a matlhano tse di tlang le go yay a kwa bosakhutleng.

Moruti Kebaagetse a re maikaelelo a dithapelo tse gape ke go gopola bao b aba latlhegetsweng ke botshelo ka ntlha ya bolwetsi jwa AIDS, b aba tshelang ka mogare wa jone go ba kgothatsa gore ba nonofe mo moweng.

E rile a tswa la gagwe, molaodi wa kgaolo potlana ya Mahalapye Rre Bakuedi Masole a kopa banni ba Mahalapye go ema ka dinao go ipaakanyetsa molelo yo.

Rre Masole a re kgaolo ya bone ke kgaolo fela e tona e e akaretsang metse e ka nna masome a mane le bongwe mme ba kopa gore b abo ba popagane go ka amogela molelo yo wa kgolagano.

A re puso e ne ya simolola loeto le, ka ngwaga wa 2013 gore Motswana mongwe le mongwe a nne le seabe, e ka tswa ele ka thapelo, metshameko le ngwao go ipelela boipuso jwa mono ngwaga gammogo le go amogela molelo wa kgolagano.

O ne a leboga fela go menagane ba lekgotla la dikereke go b aba setse ba simolotse, mme a ba kopa go tswelela ba rotloetsa batho kwa dikerekeng go nna le seabe mo go tseneleleng meletlo ya boipuso le go amogela molelo wa kgolagano. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 25 May 2016