Bana ba tshwanetse go rutwa ka tumelo
25 May 2016
Batsadi ba tshwanetse go ruta bana tsela e ba tshwanetseng go e tsaya fa ba gola ba sa le bannye.
Mokhanselara wa Kang Borwa mo kgaolong-potlana ya Kgalagadi Bokone, Rre Kedifentse Mothoteng a re bana ba tshwanetse go godisediwa mo tumelong ka gonne go dira jalo go tlaa ba dira gore le fa ba gola ba se ka ba tlhola ba e tlogela.
Rre Mothoteng o ne a bua kwa tirelong e e faphegileng ko sekoleng se sebotlana sa Inalegolo ya go abela bana ba sekole dimpho ke ba kereke ya Evangelical Religious Protestant Unity Church ka Tshipi. Kereke eo e ne e abela bana ba dingwaga tse pedi go ya kwa go tse di lesome le bone mephuthelwana e e farologaneng e ba e abetsweng ke ba mokgatlho wa sekeresete wa Samaritan’s Purse kwa America.
O ne a kopa batsadi go isa bana ba bone dikerekeng gore ba gole ba itse lefoko la Modimo. A gatelela ka gore go dira jalo go tlaa ba dira babusi ba lefatshe ba kamoso, ka ba tlaa gola ba tlhaloganya pharologanyo fa gare ga bosula le molemo.
Mookamedi wa phuthego ya Legare, Moruti James Khumanego ene o kopile batsadi gore fa ba abela bana dimpho ba ba rute le ka lefoko la Modimo.
Rre Khumanego o tsweletse a re bana ba segompieno ba tsholetswe mo dinakong tse di thata mme ba tlhoka kgothatso.
O rotloeditse mokgatlho wa Samaritan’s Purse go tswelela o abela bana lefatshe lotlhe, a re o tlaa bona lesego mo go abeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Michael Matebele
Location : Inalegolo
Event : Potsolotso
Date : 25 May 2016






