Autlwetse o kopa botlhe go tsaa karolo
25 May 2016
Morago ga gore metse mengwe ya kgaolo ya Zone 6 e welwe ke seru sa bolwetse jwa Tlhako le molomo ka ngwaga wa 2012 le 2013, seo se ne sa tlama gore dikgomo tsa metse e e neng e amega di bolawe go leka go nyeletsa le go laola kanamo ya bolwetse joo.
Go welwa ke seru moo ga kgaolo ya Zone 6, banni ba ne ba itemogela bothata jwa go tlhoka go rekisa dikgomo tsa bone kwa mmarakeng wa nama wa European Union.
Mo phuthegong ya khansele ya Bokone Botlhaba kgwedi eno e le masome a mabedi le bone, mothusa tona wa lephata la temo-thuo, Rre Kgotla Autlwetse o ne a tlhalosetsa makhanselara gore morago ga go welwa ke seru, lefatshe leno le ne la dira gotlhe go tsibogela le go netefatsa gore le busetsa seemo seo mo mannong.
A re se se nametsang ke go bo lekoko le le neng la etela kgaolo ya Zone 6 ngogola go tswa EU, go tla go dira ditshekatsheko le ditlhatlhobo mabapi le tlhokomelesego ya diterata tsa Zone 6, le supile fa le kgotsofaletse tsotlhe tse ba di boneng.
Mothusa tona Autlwetse, yo gape e leng mopalamente wa kgaolo ya Serowe Bokone a re ka jalo lekoko leo, le boletse fa le tlaa isa tshutiso ya bone kwa palamenteng ya bone, go bona gore e rebola banni ba Zone 6 go gololesega ba rekisa nama kwa ba batlang teng go balelwa le EU.
Ka moo, Rre Autlwetse o ne a gwetlha banni botlhe ba Zone 6 go nna le boikarabelo, ba ikemisetsa go disa melelwane ya bone, go netefatsa gore ga go nne le selabe sepe sa go kgotlelesega ga kgaolo, se se ka tlang se fatlha ba EU motlhang ba tlisang tshoboko le tshwetso ya bone.
A re puso e tsere tshwetso ya go kgaoganya Zone 6 gabedi, go nna le Zone 6 A le Zone 6 B, go leka go kganelela bolwetse ntlheng e le nngwe fa bo tlhagogile, ka jalo a re go mo maruding a banni go leka go tlhokomela le go sireletsa diterata tsa tikologo ya bone.
Rre Autlwetse a re seemo sa Tlhako le molomo se ka laolesega fela fa batho ba ka netefatsa gore mo godimo ga thuso e ba e fiwang ke puso mabapi le tshireletso ya diterata, le bone ba nna le seabe le boikarabelo, go na le gore puso e bo e le yone fela e tsayang boikarebelo.
Le fa go ntse jalo, mothusa tona o boletse fa go ka seke ga boelwa kwa seemomg sa go ganyaola dikgomo fa di amilwe ke bolwetse jo, a re boemong jwa moo go bonwe mokento o dikgomo di tlaa kentelwang Tlhako le molomo, fa e se fela go na le mabaka a go bo bolwetse bo fekeetsa mokento.
Mo go tse dingwe, Rre Autlwetse o ne a gwetlha makhanselara go rotloetsa banni ba dikgaolwana tsa bone go tlhomamisa gore fa ba filwe mananeo a dithuso jaaka la LIMID, ba supe lorato le botswapelo mo go one go leka go ikapola mo lehumeng.
A re mananeo a tshwana le leo, a diretswe go nyeletsa botlhoki mme go a tshwenya ka jaana bangwe ba ba filweng dithuso tseo, ba sena tlhokomelo, e bile ba supa fa ba sena maikaelelo a go aloga mo botlhoking go nna mo maemong a a botoka.
A re dithuso dingwe go a iponatsa gore di wetse mo diatleng tse di seng tsone, a re go ngomola pelo go bona motho yo o sa bolong go bona thuso, a tswa bogologolong e le motlhoki mme le mo nakong eno a sa ntse a ngaparetswe ke lehuma.
Fa ba tswa la bone, makhanselara a Bokone Botlhaba ba ne ba lebogela mothusa tona go bo a bone go tshwanela go tla go ba buisa mabapi le dikgang tse di amang lephata la gagwe.
Le fa go ntse jalo, ba ne ba ngongoregela go bo dikgaolo di ja mo letloleng le le lengwe mo lenaneong la LIMID, ba tlhalosa fa go ja mo pitseng e ngwe moo, go baya dikgaolo tse dingwe ka fa mosing, ka e ya re kgaolo e nngwe e sa ntse e tshwerwe ke mathata mangwe, e re kgabagare e fitlhele letlole le kgaritlhegile.
Ba ne ba supa fa barekisi ba dihutshane ba kgojwa marapo ke tiego ya dituelo, ba kaya gape fa tlhaelo ya bodiredi le ditsompelo di tshwana dikoloi, e le dingwe tse di felelang go tsala tiego mo go diragadiweng ga lenaneo le gone go nna le seabe mo go folodiseng maikemisetso a lone tota. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA-
Event : Phuthegong ya khansele
Date : 25 May 2016






