Breaking News

Selelo se fedile

25 May 2016

Setshaba se itsisitswe fa lephata la ofisi ya ga Tautona le bodirelapuso le tsere tshwetso ya go tokafatsa ditirelo tsa lenaneo la nyeletso lehuma le le aparetsweng ke bothata jwa melala. 

Se se boletswe ke mothusa tona mo ofising ya ga Tautona le bodirelapuso, Rre Phillip Makgalemele mo phuthegong ya kgotla kwa Ralekgetho bosheng.

O boletse fa e le keletso ya puso gore e re Morule a ya fifing ngwaga o o tlang , lehuma e bo e le selo sa maloba.

 Rre Makgalemele a re ka jalo puso e tsere dikgato tse di maleba go netefatsa gore ba fitlhelela maikaelelo ao.

A re dikgato tsa go nna jalo di akaretsa go hira bommaboipelego le barutuntshi ba nakwana ba ba tlaa itebaganyang fela le lenaneo le.

Mothusa tona o boletse gape fa madi a lenaneo la nyeletso lehuma a tlaa isiwa kwa ofising ya ga molaodi; selo se a reng se tlaa fefosa go duelwa ga bao ba go rekilweng dithoto le leruo mo go bone.

O boletse gape gore mo maitekong a go itebaganya le bogodu jwa dipodi tsa lenaneo le mo go ileng magoletsa, lephata la gagwe le ba lekalana la sepodise ba tsweletse ka go dira letshwao le le tlaa dirisiwang e le sekano sa dihutshane tsa nyeletso lehuma.

O kopile magosi le boeteledipele jwa motse ka kakaretso go ema puso nokeng mo maitekong a a go nyeletsa lehuma. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mphoentle Gopadile

Location : RALEKGETHO

Event : Potsolotso

Date : 25 May 2016