Breaking News

Molelo wa kgolagano o kgothatsa baithuti

25 May 2016

Mogokgo wa sekole se segolwane sa Makgadikgadi kwa Mosu, Mme Kolobetso Seabe, a re o dumela fa molelo wa kgolagano o tsisa lesedi e bile baithuti ba tlaa dira bontle mo dithutong tsa  bone.

Mme Seabe o buile se ka Mosupologo fa molelo wa kgolagano o ne o ile kwa sekoleng sa gagwe.

A re molelo o bonesitse sekole e bile o tlaa gwetlha baithuti go tlhwaafalela dithuto tsa bone le go tsisa popagano magareng ga baithuti le badiri botlhe ba sekole ka molelo o ne wa dikologa le bone botlhe. 

Moithuti wa sekole sa Makgadikgadi e bile e le mogolwane wa bana ba sekole,Gofaone Oemetsemang o ne a supa fa molelo o tsisa kagiso, popagano le tirisano mmogo mo sekoleng, mo motseng wa Mosu le lefatshe ka bophara.

A re lefatshe la Botswana pele ga boipuso e ne e le lengwe la mafatshe a a neng a humanegile thata mme ka ntlha ya tirisano mmogo le popagano mo nakomg eno le tsweletse ka go tlhabologa.

Mothusa molaodi wa Boteti, Rre Thabo Baitseng o ne a rolela setshaba molaetsa wa ga Tautona mme a kopa gore o age mo dipelong tsa bone ka le ene a dirile thomo ya gagwe ka pelo yotlhe.

Molaetsa o ne o gwetlha Batswana botlhe go tswelela ka go tlotlomatsa le go tshegetsa mowa o wa bo mmogo, ka e le yone fela tsela e re ka fitlhelelang loeto lwa tebelopele ya botlhe.

Moithuti wa sekole se sebotlana Ogone Kelesaletse o ne a amogela molelo go tswa go mogokgo Rre Shingani Mazambi mo boemong jwa baithuti,a re o golaganya Batswana le ditshaba tse dingwe.

O ne a supa fa a o amogela ka lorato, a le motlotlo e bile a ipela ka kagiso,lorato le mowa wa popagano o o renang mo lefatsheng leno.

Bangwe bagolo ba motse ebong borre Boikanyo Ntshwarelang, Gilia Mazulugwa le Ntalabgwe ba ne ba neela setshaba ditso tsa motse le tlholego ya one.

Rre Mazulugwa o supile fa merafe ya motse wa Mosu e akaretsa Bakalaka,Basarwa,Bangwato le Bakhurutshe mme botlhe ba bidiwa Batswana go itsa semorafe le kgaogano,a tlatsa ka gore o dumela fa molelo o tlaa ba tshwaraganya le go feta.

Morago go ne ga etelwa matlotlo a tlholego a motswedi wa metsi wa Unikae le motswedi wa Mosu.Bagolo ba motse ba ne ba nna le sebaka sa go tlhalosa ka metswedi e. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tachila Kayawe

Location : MOSU

Event : Molelo wa kgolagano

Date : 25 May 2016