Itireleng dikgwebo-Kebonang
25 May 2016
Mothusa Tona wa Peeletso, Papadi le Madirelo, Advocate Sadique Kebonang, o rotloeditse banni ba Tonota go dirisa dikhamphani tse di tlhamilweng ke puso go itirela dikgwebo.
O buile se mo phuthegong e a neng a e buisa ka Labobedi.
A re dikhamphani tse di akaretsang Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA), Local Enterprise Authority (LEA) le Companies and Intellectual Property Authority (CIPA) di supile fa di na le bokgoni jwa go thusa Batswana go tlhama dikgwebo tsa sennela ruri.
Le fa go ntse jalo, Advocate Kebonang a re ba tshwenngwa ke gore dikhamphani tse ga di kgone go neela Batswana ditirelo ka bofefo jo bo kgonagalang.
O tlhalositse gore CEDA ga e tlhaole gore a motho ke mogodi kana monana, a tlatsa ka gore mo diphuthegong tse a di buisitseng, o tsamaile a utlwa dilelo tsa morafe gore ga ba bone dithuso tse di maleba.
A re puso e baakantse seemo sa dithuso tse di neng di le bonya go atumetsa dingwe ditirelo kwa bathong mme o tlhalositse gore dikompone tseo ka boraro jwa tsone di bereka mmogo ka go thusa Batswana go bula dikgwebo.
Mothusa tona a re seabe sa LEA ke go rutuntsha bagwebi ba ba botlana go itse ka go tsamaisa kgwebo gammogo le go ba batlela mebaraka, a tlatsa ka gore CIPA yone e tokafaditse maranyane gore seemo se nne bofefo.
Advocate Kebonang a re ke nako ya gore morafe wa Tonota o eme ka dinao go inaakanya le Selebi Phikwe Economic Diversification Unit (SPEDU) go dira ditumalano tsa go ba rekisetsa ditamati.
O kopile morafe go tsosa matlhabelo a Botswana Meat Commission (BMC) a Francistown ka go ba rekisetsa palo ya dikgomo e e tlhokafalang, a re go sa nneng jalo matlhabelo a ka gomagomediwa ke go tswala mme seo se busetse maiteko a puso kwa morago ka e ne e se keletso ya puso go ka tswala matlhabelo ao.
Advocate Kebonang gape o rotloeditse morafe go lema fela thata a re temo-thuo ke yone teemane ya Motswana mme a re kgang e nngwe e e tshwenyang ke ya dikoporase, a kopa morafe go ipopa setlhopha mme ba tsosolose dikoporase.
Fa a mo kgwa dikgaba, modulasetilo wa dikgwebo tsa Tonota, Rre Tapologo Nyake o akgotse puso go tla ka mananeo a mantle ao, a re sebe sa phiri ke gore go thata gore a goroge mo diatleng tsa Batswana.
A re le fa puso e tsere tshwetso ya go tokafatsa ditirelo, mme se se buiwang mo diphuthegong se fapaana le se se dirwang kwa diofising.
Rre Ngake a re dikompone di tlhamilwe di le dintsi ka go farologana, a re lenaneo la go rudisa kgotsa go tsosolosa itsholelo le akaretsa motho a le mongwe fela go dira tiro yotlhe, a tlatsa ka gore seo ga se kitla se ba inola mo lehumeng.
Mme mongwe wa mogwebi, Mme Ruth Nyathi a re dingwe dikompone tse di beeleditseng mo gae di tsaya batho kwa mafatsheng a bone go ba fa ditiro go na le go thapa Batswana, ka jalo a kopa puso go tsenya leitlho thata mo go tsone.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : TONOTA
Event : Poisanyo
Date : 25 May 2016






