Breaking News

BooraKgogobi ba aba magapu

24 May 2016

Molemi mongwe wa Diabo mo kgaolong ya Borwa, Rre Mokwadi Kgogobi, o abetse Ofisi ya ga Tautona bontlha bongwe jwa thobo ya gagwe.

Rre Kgogobi, yo o neng a patilwe ke mohumagadi wa gagwe, Mme Pulane Kgogobi, a re o bone go le maleba gore a abele ofisi ya ga Tautona mpho ya magapu le go leboga lephata la temo-thuo e le tsela nngwe ya go supa fa a itumelela thuso e puso e e neelang balemi ka lenaneo la ISPAAD.

A re o kgonne go bona dipoelo tsa P98 000 mo thobong ya gagwe ya magapu. Mo tshimong ya gagwe ya diekere di le lesome le bone, a re o ne a lemile mmidi le dinawa mo diekereng di le lesome le bobedi.

O kgonne go rekisetsa sekole se le sengwe mo Gaborone magapu, dikole tse pedi kwa Kanye le dikole tsotlhe kwa Lotlhakane, Mmathethe, Magoriapitse le Motsentshe, Digawana le Good Hope.’ 

Rre Kgogobi o ne a rotloetsa balemi ba bangwe go netefatsa gore fa ba lemile magapu ba a a tlhagolela. A re tshimo e e phepa e thusa molemi gore a bone thobo e e nametsang. 

“Ka gape go ne go le letsatsi, magapu ke selo sa letsatsi, ke ka moo a kgonneng go nna mantsi jaana,” a tlatsa.

Ka pula e ne e le boutsana monongwaga, Rre Kgogobi a re seo ga se a ka sa kgoreletsa tshimo ya gagwe gore e ntshe thobo e e nametsang, ka gore o ne a e tlhagola bojang jo bontsi jo bo neng bo le mo tshimong ya gagwe.

Fa a amogela mpho ya magapu, mo boemong jwa ga Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian  Khama, mothusa mokwaledi mo ofising ya ga Tautona, Colonel Duke Masilo o tlhalositse fa magapu ao, a tlaa abelwa batlhoki.

Colonel Masilo a re mpho e ya magapu, ke sekao sa gore ‘re le Batswana re tsaya temo-thuo ka tlhwaafalo.’

A re go a itumedisa gore ngwaga le ngwaga, le fa dipula di le boutsana, balemi bangwe ba bo ba kgona go roba sengwe mo temong ya bone. 

Ka lenaneo la ISPAAD, Colonel Masilo a re puso e ne ya bona botlhokwa ja go thusa balemi ka go ba rotloetsa gore ba ka fenya jang dikgwetlho tse ba di fitlhelelang mo temong. 

Mpho e, ya magapu a, a re ke bopaki ja gore lenaneo la ISPAAD le ka tswela balemi mosola thata le go ba fa maduo a a nametsang fa ba ka le dirisa ka tlhwaafalo.

Mo godimo ga moo, Colonel Masilo, o akgoletse Rre le Mme Kgogobi katlego ya bone mo temong.

Fa a lebogela mpho ya magapu, mothusa tona ya tsa temo-thuo, Rre Kgotla Autlwetse o akgoletse Rre Kgogobi bonatla ja gagwe mo temong le matsapa a a tsereng go supegetsa balemi ba bangwe le Batswana botlhe gore lenaneo la puso la ISPAAD le ka ba fa dipoelo tse di nametsang mo temong fa ba ka tlhwaafalela go le dirisa. BOKHUTLO

Source : bopa

Author : Lorato Gaofise

Location : GABORONE

Event : Potsolotso

Date : 24 May 2016