Breaking News

Emelang dikgwebo ka dinao - Ngaka

24 May 2016

Mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Ngaka Ngaka, a re go tlhoka go tlhokomela dikgwebo tse di simolodisitsweng ka thuso ya madi a puso ke moka go latlhela madi a puso ka motlhobodika.

E rile a  bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Kaudwane ka Mosupologo, Rre Ngaka a rotloetsa batho ba motse oo go bereka ka natla go netefatsa gore dikgwebo tsa bone di a itshetlela gore puso e tle e kgone go thusa ba bangwe.

O ne gape a ba tlhalosetsa fa go tlhokomela dikgwebo tsa bone go ka ba baya mo seemomg se se ntle sa gore e re ba kopa dithuso gape ba di bone motlhofo. 

Rre Ngaka o ne a supa matshwenyego ka batho ba motse oo ba ba thusitsweng ka lenaneo la dikgomo la metse e e kgakala le ditlamelo, a re go a swabisa ka mo nakong ya gompieno batho ba le bane fela mo go ba ba masome a mararo ba ba neng ba thusitswe e le bone ba sa ntseng ba somaretse leruo leo.

A re se se tlaa dira tiro ya go ba kopela dithuso mo pusong thata. Mo go tse dingwe, Rre Ngaka o ne  ba tlhalosetsa fa tsela e ba sa bolong go lela ka yone ya Letlhakeng-Kaudwane e sa akarediwa mo lenaneong la go rudisa itsholelo.

Le fa go ntse jalo, a re tsela eo e tsentswe mo kakanyetsomg ya lenaneo la ditlhabololo la bo lesome le motso, mme a re ba tlaa bo ba ntse ba gatile monwana gore e tsenngwe mo go lele rurifaditsweng.

Mo ditseleng tsa mo motseng tse banni ba neng ba supa fa di sa tamporwa sentle, Rre Ngaka o ne a tlhalosa fa a tlaa ikopanya le ofisi ya ga molaodi go utlwa gore matsapa di a tsere kae. 

Mo go tsa banana Rre Ngaka o ne a ba tlhalosetsa fa lephata la banana le ne la tsaya tshwetso ya go fudusa badiredi botlhe ba ba mo diofising tse dipotlana jaaka ya Kaudwane le ya Takatokwane, mme a re le fa go ntse jalo lephata leo le ne la boela tshwetso eo ka morago.

O ne a ba tlhalosetsa fa ba solofetse modiredi wa ofisi ya Takatokwane mo nakong e e sa fediseng pelo, mme a tlhalosa gape fa a tlaa latedisa ka wa Kaudwane. 

Mongwe wa banni, Rre Thobokwe Selelelabongaka o ne a supile fa motse wa Kaudwane o tlhoka mahudiso le kwa o golelang teng ka jaana o dikaganyeditswe ke lefelo la diphologolo la Kutse, ga mmogo le masimo.

O ne a kopa gore terata eo ya diphologolo e busediwe kwa moragonyana. Modulasetilo wa komiti ya ditlhaboloo ya motse, Rre Mphonyana Kelebogeng le ene o ne a gatelela kgang eo, mme a kopa gore batho ba motse oo ba fiwe polase mo go tse di segilweng go bapa le motse wa Loologane.

Rre Kelebogeng o ne gape a lebogela ditlhabololo tse ba di boneng ka lenaneo la ipelegeng jaaka matlo a batlhoki ga mmogo le go tlhabolola lefelo la bajanala la Kuaghoo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Olekantse Sennamose

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 24 May 2016