Mosolotshane o robaletswe ke ditlhokwa
23 May 2016
Kgosi Tsietsego Molefhi wa Mosolotshane a re motse wa gagwe o robaletswe ke ditlhokwa e bile go rena kagiso ka seemo sa borukutlhi se ile kwa tlase fela thata.
Fa a bua mo potsolotsong, Kgosi Molefhi o tlhalositse gore mo dinakong tse di fetileng go ne go na le botlhokatsebe jo bontsi, ka go ne go sena beke e e welang go sena dikgang tsa dititeo le dikgobalo tse di masisi, mo nako nngwe mongwe a neng a tlhoka lesego mme a tlhokafala.
Kgosi a re ene le ba sepodise ba ne ba ema ka dinao go lwantsha seemo se ka go tsenya leitlho le go laola baapei ba majalwa a Setswana ka botlhokatsebe bo ne bo diragala teng thata.
A re se ba se dirileng ke go netefatsa gore thekiso e dirwa ka dinako tse di maleba, mme yo o sa obameleng molao o ne a tseelwa dikgatlo tse di gagametseng.
‘E ne e re fa motho a dirile se se seng ka fa molaong, o tlisiwa mo lekgotleng mme a fiwe katlholo e e maleba,’ a tlhalosab fa bangwe ba ne kgwatlhisiwa fa bommasepoto ba ba sa tlotleng molao wa thekiso ba ne ba atlholwa madi.
Kgosi o kaile gore go nnile le bommasepoto ba le babedi ba ba neng ba atlholwa madi a a kanang ka makgolo a matlhano a dipula (P500) a supa fa se e ne ya nna sekao mo go ba bangwe, mme go itirelela ga fela.
Kgosi a re o lebogela bonatla jo bo dirwang ke baitlhaopi ba sepodise, ka ba nnile le seabe mo go tshwareng dikebekwa ka ba nna le bone mo motseng jaanong ba kgona go lemoga ka pela fa sepe fela se se fatlhang.
Le fa gontse jalo, a re dikgang tse di santseng di tshwenya ke tsa bogodu ja leruo, mme a re le tsone ba ikaelela go di lwantsha go fitlhela ba di fenya.ENDS
Source : BOPA
Author : Boitshepo Setogile
Location : MOSOLOTSHANE
Event : Kgotla meeting
Date : 23 May 2016






