Ba kopillwe go tsaya mananeo ka thwaafalo
23 May 2016
Batswana ba ba thusitsweng ka mananeo a nyeletso lehuma ba kopilwe go bereka ka natla le go tlhokomela didirisiwa tse ba di neetsweng gore ba kgone go itshetsa.
Se se builwe e mongwe wa lekoko le le kgethilweg ke Tautona go sekaseka manenao a Puso a nyeletso lehuma le tsamayang le lekola dikgwebo tsa baikopedi ba lenaneo leo Rre Peter Siele.
O tlhalositse fa go le botlhokwa gore ba dirise tshono eo go kgona go fetola matshelo a bone ka go atolosa dikgwebo tsa bone.
Rre Peter Siele e rile a tlhalosetsa banni ka loeto, a re puso e lemogile fa go sena tswelelo pele mo maitekong a go anamisa mananeo a nyeletsa lehum kwa Batswanang, ke ka seo puso e ba romileng go tlhola dikgwebo tsa baikopedi.
A re maikaelelo ke go tla ka tlharabololo fa go nang le tlhaelo teng.
Rre Siele gape o supile matshenyego a boitseme ja badirelapsuo ba ba filweng maikarabelo a go abela baikopedi mananeo.
E rile ba ntsha matshwenyego a bone, baikopedi ba mananeo a puso a nyeletso lehuma, ba re mananeo ao ga ba tswela mosola ka jaana ba sale ba solofeditswe go fiwa dithoto go itshimololela dikgwebo mme seo ga se diragale.
Bangwe ba baikopedi ba mananeo a tshwana le go dira di jeme, dipodi, le matlalo ba supile fa ba setse ba nale ngwaga tse tharo marago ga go kanokiwa le go isiwa ithutontshong mme ba solofediwa fa batla amogela dithoto tsa bone mo nakong e khutshwane.
Molaodi wa kgaolo potlana ya Okavango Rre Thabang Dikatholo, o ne a kgothatsa baikopedi go tsaya mananeo ao le go a dirisa ka kelelelo go ka inamola mo lehumeng.
O tlhalsitse fa ba utlwile dingongora tsa bone mme ba tla ba thusa go bankanya seemo.
O ile a kaela fa a le maswabi ka ane a rometse setlhopha go tlhola seemo sa mananeo mo kgaolong mme a kopa maitshwarelo mo go ba ba iseng ba thuswe gore ba ba ineee diatla metsing. ENDS
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : SEPOPA
Event : Kgotla meeting
Date : 23 May 2016






