Breaking News

Ba rotloediwa go ithuta pina ya setshaba

23 May 2016

Setshaba se tshwanetse go itse pina ya setshaba ka jaana e na le bokao jo bogolo.

Se se builwe ke Kgosi Ketshabile Mokgweetsi wa Kudumatse mo phuthegong ya kgotla bosheng. 

A re setshaba sa lefatshe leno se tshwanetse gore se ithute molaetsa wa pina eo, a tlatsa ka gore molaetsa wa pina eo o rotloetsa popagano ya setshaba.

O ba kopile go tlotla pina eo fa ba e opela.

A re o lemogile gore bangwe ga ba itse itse pina ya setshaba ya setshaba ka gore fa gotwe ntshang pina ya setshaba go tsaya nako,e bile batho ga ba tlhalose mafoko a mangwe a pina eo.

“Ba gaetsho ithuteng pina ya rona ya setshaba,”a tlhalosa.

A re pina eo e kopanya setshaba gape e rotloetsa mowa wa go direla lefatshe la Botswana jaaka e bua.

Fa a tswa la gagwe,Mothusa Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Ramadi Setswamafoko o boletse fa pina ya setshaba e tlotlomatsa kagiso e lefatshe leno e nang le yone.

“Re le Batswana re tshwanetse ra ipelafatsa ka kagiso eo,”a tlhalosa.

A re e tshwanetse go opelwa gongwe le gongwe mo meletlong ya semmuso jaaka diphuthego tsa kgotla ga mmogo le moletlo wa dikolo. 

E re gontse jalo,a re mo mading a P20.00 go na le tlhogo ya motlhami wa pina ya setshaba,a tlatsa ka leboga puso ga boloka ditso tseo gore dikokomane tse di tlang di fitlhele ditso tseo.

O galaleditse thuto ya lefatshe leno a re pina e gape a kwadilwa le mo dibukeng gore bana ba ithute kwa dikolong.

O tswelela a tlhalosa a re P100.00 le e ne o na le sekao le ditso ka lefatshe leno ka gore Dikgosi tse tharo ke tsone tse di neng di ya go kopa tshireletso kwa lefatsheng la ga MmaMosadinyana.

Ka jalo Batswana ba tshwanetse go lemoga Dikgosi mme ba di tlotla,a tlatsa ka gore fa e ne e se ka Dikgosi go ka bo go sena lefatshe le gotweng Botswana.

NRre Setswamafoko o ne a rotloetsa setshaba go ithuta pina ya bone ga mmogo le go ruta bana ba bone kwa malwapeng gore ba tle ba gole ba e itse le botlhokwa ba yone mo matshelong a bone. BOKHUTLO

Source : bopa

Author : Ogomoditse Johannes

Location : KUDUMATSE

Event : Kgotla Meeting

Date : 23 May 2016