Babereki ba rotloediwa go tsenya marapo dinameng
22 May 2016
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya kgotla ya Borakalalo mo Molepolole, Rre Busang Lekote o kgadile a sa kgwe mathe babereki ba ipelegeng ba ba boitseme mo tirong.
Rre Lekote o ntshitse ngongora ka letsatsi la khiro ya babereki ba ipegeleng kwa kgotleng ya Borakalalo ka Labone.
A re babereki fa ba tsena kwa ditirong tse di farologaneng tse ba di filweng ba feta ba tlhaba kgobe ka mutlwa ba tsaya dikgang ba sa bereke go fitlhelela letsatsi le wela.
Modulasetilo a re babereki dinako tse dingwe ga ba obamele nako e go theogelwang ka yone, a re bangwe ba tla morago mo tirong.
A re ba lemogile gape fa go na le bangwe ba e reng go theogetswe ba bo ba ya bojalweng.
Rre Lekote a re go lemogeng fa mokgwa o babereki ba tsayang tiro ka teng o sa fetoge, ba ne ba ikopanya le khansele ya Kweneng mme ba dumalana gore ba ba sa direng tiro e ba e hiretsweng mo lenaneong la ipelegeng ba tlaa kgaolwa kana go fokotswe dituelo tsa bone.
Fa a tswa la gagwe, mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Borakalalo, Mme Banyanabotlhe Baatweng a re bangwe ba babereki ba ipelegeng ba ba kgobotla ka mafoko.
A re ba ba bitsa maina a a duleng mo tseleng. Mme Baatweng a re se se ngomolang pelo ke go bo mafoko a a sa siamang ao a tswa ka bagolo.
Mo go tse dingwe, Rre Lekote o ne a tlhalosetsa morafe fa ba simolotse go baakanyetsa boipuso.
A re boipuso ja monongwaga ke jo bo faphegileng ka jalo bo tlhokana le dipaakanyo tse di tseneletseng.
A re ba tlaa kgobokanya madi ka go rulaganya maitiso a dikgaisanyo tsa mmabontle.
Modulasetilo o tlhalositse fa batsayakarolo e tlaa nna bagolo ba ba dingwaga tse di masome a matlhano go ya kwa godimo.
A re jaaka lefatshe la Botswana le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano ba bonye go le maleba go kgobokanya madi a go baakanyetsa boipuso ka go rulaganya dikgaisanyo tsa mmabontle tsa bagolo e le nngwe tsela ya go ba leboga go bo ba nnile le seabe mo go se lefatshe leno e leng sone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lebalang Ditlhobolo
Location : MOLEPOLOLE
Event : Khiro ya Ipelegeng
Date : 22 May 2016






