Breaking News

Mosadi o fitlhetswe a tlhokafaletse mo ntlung

22 May 2016

Mapodisi a Kutlwano kwa Francistown a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le borataro a fitlhetsweng a tlhokafetse mo ntlong ya gagwe kwa Block 5.

Mo potsolotsong le BOPA, mogolwane wa sepodisi Superintendent Neo Serumola a re tiragalo eo e diragetse Motsheganong a le  lesome le borobabongwe bosigo gare.

Superintendent Serumola a re ba begetswe tiragalo eo ke baagisanyi, morago ga go utlwa ngwana wa mme yoo ka go kua mokgosi.

A re setopo sa mosadi yoo se kwa setsidifatseng sa sepatela sa Nyangabgwe go tlhatlhojwa ke dingaka, le fa go ntse jalo a re ba tshegeditse monna wa gagwe yo o dingwaga tse di masome a matlhano le bone go ba thusa ka ditlhotlhomiso.

Superintendent Serumola o boletse fa moswi ga mmogo le monna wa gagwe ba tlholega kwa Serowe.

O gakolotse setshaba gore molemo wa kgang ke go buiwa e seng go itseela molao mo matsogong.

A re go bolaya motho ga se tharabololo ya mathata mme go tsisa mathata le khutsafalo mo lwapeng mme o rotloeditse setshaba ka kakaretso go nna le segakolodi mo ditlhaloganyong tsa bone, ka dinako tsotlhe fa ba tlelwa ke dikakanyo tse di sa siamang.

Gape a re ba ka ikopanya le ba bogakolodi bo tshwana le ba sepodisi, mmaboipelego, ba bokaedi jalo jalo go tsaya dikgakololo tse di maleba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 22 May 2016