Breaking News

Letlhakeng o itlhokoletsa boipuso

22 May 2016

Banni ba Letlhakeng ba kopilwe go phepafatsa motse wa bone thata, ka jaana ngwaga ono lefatshe leno le tlaa bo le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano tsa boipuso.

Mafoko a, a boletswe ke Kgosi Itsoseng Gaoonwe wa motse oo,  fa a ne a lekodisa banni ka ipaakanyetso moletlo wa boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano.

Kgosi Gaoonwe o tlhalositse fa go tlaa nna le baeng ba bantsi ba ba tswang kwa mafatsheng a sele, ka jaana go solofetswe gore botautona ba kgaolo ya SADC ba nne teng, mme tsholofelo ke gore ba le fitlhele le le phepa go tsamaisana le kagiso e e renang mo go lone.

O ba kopile gore ba oke banana  gore ba tle go ntsha megopolo ya bone gore go ka dirwa eng, se se ka dirang gore boipuso jo bo atlege.

Kgosi o kopile dikereke go ya go tshwarela ditirelo tsa bone kwa kgotleng kgolo ya Letlhakeng, kgwedi ya Lwetse e le masome a mabedi le botlhano, e le bontlha bongwe jwa kereke go ntsha seabe sa yone mo setshabeng. 

O ba kopile gape go tsena phuthego ya BOT50, e  e tlaa tshwarwang ka Mosupologo gone kwa Letlhakeng, kgwedi ya Moranang e le masome a mabedi le boraro

  Kgosi Gaoonwe o lekodisitse morafe gape, fa molelo wa kgolagano o tlaa tla mo motseng wa Letlhakeng kgwedi ya Lwetse e tlhola gane, mme a ba kopa go ipaakanyetsa go o amogela.

Monni wa Letlhakeng Rre Jacob Lebeko, o ne a ntsha matshwenyego a gore batho ba kgaolo e, ga ba supe kgatlhego mo go baakanyetseng moletlo wa boipuso jo, a supa fa boipuso jo e tla a bo e le jo botona fela thata ka e le oo faphegileng.

Monana Rre Neo Khakhunge, o ne a ntsha matshwenyego a gore bone e le banana ba supile kgatlhego ya go baakanyetsa moletlo o, mme ga ba bone thotloetso mo batsading, a supa fa a belaela gore ba batla go ba supa ka menwana fa dilo di sa tsamaya sentle.

Mokhanselara Mme Stella Segwagwa, o ne a supa fa go nnile le tiego fela thata ya go lekodisa ka moletlo wa boipuso, mme a kopa botlhe go tsena phuthego ya BOT50 gore ba tle go abelana megopolo gore ba tlaa keteka boipuso jo jang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Tekodiso

Date : 22 May 2016