FNBB e rwesa baithuti ditlhako
22 May 2016
First National Bank Botswana Foundation, e abetse baithuti ba sekole se sebotlana sa Struizendam kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa ditlhako tsa sekole.
Mogokgo wa sekole seo, Mme Dyzene Mannathoko o tlhaloseditse BOPA fa sekole sa gagwe se ne sa latswiwa ke tlhware morago ga gore ba FNBB ba bone go le botlhokwa go abela baithuti ditlhako.
Mme Mannathoko a re bana ba sekole seo ba ba abetsweng ditlhako ba le lekgolo le masome a supa le botlhano go simologa ka baithuti ba ba rutuntshiwang go simolola sekole (reception class) go fitlha ka mophato wa bosupa.
Mme Mannathoko o ne a popotha legetla ba FNBB a kaya fa ba dirile tiro e ntle ya mowa wa kutlwelo botlhoko le lorato thata ka nako e e tshwanetseng ka e bile go le paka ya mariga a a boletseng fa e le bogale thata mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa.
O kaile fa sephatlo sa bana mo sekoleng seo ba ne ba sena ditlhako gotlhelele selo se a reng se tlaa tiisa bana ba sekole seo moko le go feta go tla sekoleng e bile ba na le seriti.
Mme Mannathoko o ne a sa kgale mathe go leboga ba FNBB a kaya fa motse wa Struinzendam o le kgakala le ditlamelo ka jalo batsadi bangwe ba sa kgone go rekela bana ba bone kapari ya sekole ka mabaka a botlhoki.
O supile fa sekole seo se na le matlapa a mantsi ka jalo bana ba ne ba felela ba gobatswa ke matlapa ao ka ba ne ba tsamaya ka dinao ba sa rwala ditlhako.
Mo mafokong a gagwe a kabo dimpho tseo, moeteledipele wa banka ya FNB kwa Jwaneng, Rre Stephen Goitsemang o ne a kaya fa FNBB Foundation e simologile ka ngwaga wa 2001 e maikaelelo a yone e le go thusa setshaba bogolo jang bana ba dikhutsana le ba ba tlhokang mo lefatsheng leno ka e le bone baeteledipele ba lefatshe leno ba ka moso.
Rre Goitsemang o ne a supa fa ngogola ba abetse bana ditlhako di le 3 500 go ralala lefatshe leno, a kaya fa ngwaga ono dipara tsa ditlhako tse ba di abileng di le 3 724 go balelwa le bana ba sekole sa Struizendam.
A re banka ya FNB e beela kwa thoko selekanyo sa 1 per cent ya dipoelo tsa yone tsa ngwaga le ngwaga go kokoanya madi ao aa thusang setshaba, a supa fa go simologa ka ngwaga wa 2001 FNBB e setse e dirisitse madi a a fetang P40 million mo ditirong tsa bopelotlhomogi. O kaile fa ba FNBB ba ntshitse dimpho tseo ka maikaelelo le ka nako e e tshwanetseng gore bana ba sekole seo ba tle ba kgone go itshireletsa mo pakeng e ya mariga ka batsadi bangwe ba sa kgone go rekela bana ba bone ditlhako botlhe.
Rre Goitsemang o ne a kgothatsa batsadi ba motse oo go emela dithuto tsa bana ba bone ka dinao ka go ba rotloetsa go tlhwaafalela dithuto tsa bone ka e le bone babusi ba lefatshe leno ba ka moso ba ba ka le isang kwa pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : STRUIZENDAM
Event : Kabo dimpho
Date : 22 May 2016






