Breaking News

Go rata madi phetelela go borai

23 May 2016

Moeteledipele wa dikomiti tsa twantsho borukutlhi,  Constable Keorapetse Kwenane a re ditlhotlhomiso di supa fa bana ba basetsana ka bontsi ba tshabelelwa ke ditiragalong tse di maswe ka ntata ya madi.

Constable Kwenane wa Kanye Police o tlhalositse fa bontsi jwa bana ba basetsana ba rata gore ba tseetswe dikobo ka dikgoka ntswa go sa nna jalo.

O buile se mo thuto se ka dipuisanong ya twantsho borukhutlhi kwa kgotleng ya Tsopye kwa Kanye bosheng.

A re basetsana ba go nna jalo ba tlhakanela dikobo le borre ka tumalano ya gore ba tlaa ba lefa ka madi mme e re go lemoga fa borre ba go nna jalo ba sa diragatse ditumalano basetsana ba ba sianele kwa mapodising  ba re ba tseetswe dikobo ka dikgoka.

Ka jalo, Rre Kwenane o kopile batsadi go bua le bana ba bone e seng jalo ba tlaa thanya le le tsebeng.

O bile a ba tlhagisa fa tlhakanelo dikobo le bana ba ba dingwaga di ko tlase ga lesome le borataro e le molato.

A re le fa ngwana wa go nna jalo a ka dumalana le mogolo, molato o nna o le teng ka molao o kaya fa bana ba go nna jalo ba sena boikarabelo bope mabapi le tlhakanelo dikobo. 

Katlholo ya go tlhakanela dikobo le ngwana yo o dingwaga di ko tlase go ya ka molao ke dingwaga tse di lesome go ya kwa go tse di lesome le botlhano mo kgolegelong kana botshelo jotlhe.

A re sepodisi se tlhamile dikomiti tsa twantsho kgokgontsho le kwa dikoleng e bile dipalo di supa fa barutabana bangwe ba na le botsalano le baithuti; selo se a rileng ke matlhabisa ditlhong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leteng Nokwane

Location : KANYE

Event : Thuto se ka dipuisano

Date : 23 May 2016