Breaking News

Kgwebo tsela le boammaruri

22 May 2016

E re ka metlhala ya khumo e le mentsi  e tlhoka balati, khansele ya Selebi Phikwe e bone go le matshwanedi go kwatabolotsa ka go ruta banni ba toropo eo metlhala ya go ikgobokanyetsa khumo go nyeletsa lehuma.  Khansele e ne ya tshwara thuto sekadipuisano ya methale ya dikgwebo e e ne e tsenwe ke ba tsaya karolo mo lenaneong la nyeletso lehuma ko Anna Adams Park mo Selebi Phikwe bosheng.

Fa a amogela batsayakarolo mo phuthegong eo, mothusa ratoropo Rre Pilane Molefi a re, go itlhotlhora lehuma ke boikarabelo jwa motho e seng puso e le nosi ka seo se ka fokotsa mokgwa wa atlhama ke go jese mme ga diragatsa maikaelelo a go nyeletsa lehuma.

O ne a tswelela a re, Batswana ba  tshwanetse go fetola ka fa ba akanyang ka teng ka seo se ka godisa le go tiisa dikgwebo mme seo se fokoletse puso morwalo wa go leka go dira diphatlha tsa mmereko le go kabakanya itsholelo.

‘Puso maikaelelo a yone ke gore lehuma e nne dikgang tsa maloba mme seo se ka kgonega fa rotlhe re ka ititaya ka thupana le go kopa bogakolodi le thotloetso ko go ba ba maleba le go ikopanya ka seo se tlaa re tsholetsa,’ a rialo. 

O ne a tlhalosa gore mananeo a nyeletso lehuma a tsisitswe ke puso ka lorato, a tswelela ka go kopa banni go le aramela le sa ntse le tlhabile gore nako nngwe ba seka  ba lelela kgama le mogogoro.

O ne a wetsa ka gore banni ba Selebi Phikwe ba eme ka dinao go simolodisa dikgwebo mme a tlhalosa gore kgwebo e tlhokana le boineelo le bopelotelele. 

A ba rotloetsa gore ba ikopanye ba nne setlhopa go dira dikgwebo tse ba ka di kgonang mme ba emise mokgwa wa go ikimetsa morwalo ba dirwa ke go leba kana go kopisa tse di dirwang ke batho bangwe.

Mogokaganyi wa mananeo a nyeletso lehuma Mme Neo Sekape a re, Selebi Phikwe e gatetse pele mo go nyeletseng lehuma ka banni ba toropo e ba supa kgatlhego le maikaelelo a go inosa metsi, a tlhalosa jalo.

O ne a supa gore ba dirile fomo e e tlaa tladiwang ke motho yo o tlaa neelwang lenaneo go itlama go tlhokomela le go godisa tiro e a e neetsweng ka ba itemogetse gore batho ga ba tsee tsia ditiro tse ba di filweng mme ntswa go dirisiwa madi a setshaba go thusa.

Mogolwane wa tsa  tlhabololo mo morafeng Mme Jennifer Thekiso a re maikaelelo magolo a bone ke go thusa morafe segolo bogolo ba ba amilweng ke lehuma la nta ya tlhogo go dirisa monyetla o go itlhabolola.

O ne a supa gore ba batla go godisa itsholelo ya morafe ka go kganela madi go tswela ko ntle le go rotloetsa batho go bereka ka ditlhopha  ka ba biditse maphata a farologaneng go tla go ruta batho ka bomosola jwa go bereka ka setlhopha.

O ne a re o rotloetsa batho go dirisa matlotlo le ditshono tse di leng teng go itlhabolola le go itlhotlhora lehuma ka go tlhabolola fa ba nnang teng.

Mo potsolotsong, monana Thokozile Sethole  a re o itumeletse thuto sekadipuisano eo ka toro ya gagwe ke go gweba ka letlalo ka a rata kgwebo eo ka pelo le ka moya mme e bile a ipaakanyeditse go bereka le banana ba bangwe le dikgwetlho tse di tla nnang teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaone Busang

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Thuto se ka dipuisano

Date : 22 May 2016