Boimana jwa baithuti bo a kekela
19 May 2016
Kgosi Dick Moreng wa Patayamatebele mo kgaolong ya Bokone Botlhaba a re ga a jesiwe diwelang ke boimana jwa baithuti ba sekole se sebotlana sa motse oo.
Kgosi Moreng o buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng a supa fa seemo se se ngomola pelo e bile se tsweletse ka go golela pele. A re bosheng ba amogetse dikgang tse mo go tsone baithuti ba le bane ba neng ba seegelwa fa thoko mo dithutong tsa bone ka mabaka a jone boimana.
Kgosi Moreng a re seemo se se supa fa bangwe bagolo mo motseng ba sena poifo go ka dirisa bana ba dingwaga tse di kwa tlase mo go tsa tlhakanelo dikobo.
A re ntle le gore boimana bo busetsa dithuto tsa bana kwa morago, se se amang le go feta ke gone gore tlhakanelo dikobo e e sa babalesegang e ka nna le ditlamorago tse di ka amang botshelo jotlhe ka tsela e e utlwisang botlhoko.
Kgosi o bile gape a supa fa maiteko a bone a go ka dira ditlhotlhomiso le go ka tseela babelaelwa dikgato tse di maleba tebang le ditiragalo tse go kgaupediwa ke bangwe batsadi.
A re bangwe batsadi ba na le kitso ka botlalo ka tsone ditiragalo tse, mme ba a di bipa ka ga ba rekegele go ka di bega e bile gape a supa fa bangwe batsadi ba sa supe kgatlhego e e kalo go ka thusa ka ditlhotlhomiso, bangwe bone ba dira maano a go ka sireletsa babelaelwa ba itlhokomolosa isago le botsogo jwa bana.
Go sale foo, Kgosi Moreng o supile fa bangwe baithuti ba atisitse mokgwa wa go ngwega kwa sekoleng ba tsena mo dipolaseng tse di gaufi go ka inaakanya le ditiro tsa nakwana.
Mo go tse dingwe, Kgosi Moreng a re ba itumeletse gore ka kgwedi ya Seetebosigo, ba tlaa nna le mapodisi a a direlang mo motseng wa bone mme a re se se setse se tlhomamisitswe, gape motse wa bone o tla nna ka fa tlase ga sepodisi sa Tonota go na le Matsiloje jaaka pele.
Kgosi Moreng a re o solofela fa se se tlaa fefosa ditirelo tsa sepodisi mo motseng ka jaana ba le gaufi le motse wa Tonota, ebile se tlaa tiisa komiti ya twantsho borukutlhi moko ka ba ne ba dira e le bone fela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : PATAYAMATEBELE
Event : Potsolotso
Date : 19 May 2016






