Kgwebo ya tante e tlodisa Phometse melatswana
19 May 2016
E re ka puso e ntshitse mananeo a a farologaneng ka maikaelelo a go tokafatsa le go ntsha setshaba mo lehumeng, Mme Selinah Phometse o dirile se gotweng go le aramela le sa ntse le go tlhabetse.
Fa a bua mo potsolotsong, Mme Phometse wa dingwaga tse di masome a mararo le bosupa o tlhalositse fa lerato la gagwe la go ntlafatsa mediro le ne la mo gogela kwa ofising ya lenaneo la nyeletso lehuma kwa a neng a thusiwa ka tante, ditilo, ditafole, mekgabisa le dilwana tse di jelang gore a simolole kgwebo ya gagwe ya go gweba ka tante.
O boletse fa kgwebo e tsamaya sentle ka jaana a kgona go itshetsa ka go hirisa tante le didirisiwa tsa yone.
O kaile fa kgwebo e tswa ntlha tsotlhe ka jaana go le gantsi bareki ba gagwe ba na le nako e ba batlang go hirisa ditilo, tante kana dijana go farologane mme le gone go tsenya madi le fa go sa tshwane le fa nkabo motho a hirisitse gotlhe ka nako e le nngwe fela.
E re ka mogwebi a tshwanetse go isa kgwebo ya gagwe kwa setshabeng, Mme Phometse a re o nna a tsamaya le maphata a puso go rekisa kgwebo ya gagwe e bile go mo solegela molemo ka jaana ba a tle ba hirise dingwe tsa dilwana tsa gagwe.
O kaile gape fa a tsamaya le metse a rekisa kgwebo ya gagwe mme e bile le bone fa meletlo e tshwana le manyalo, ipelelo ya matsalo le fa go na le dintsho kgwebo ya gagwe e bona bareki ba ba kgotsofatsang.
O boletse fa kgwebo ya gagwe jaaka tse dingwe e nna le dikgwetlho mme ene ya gagwe e le bareki ba ba tsayang lebaka le le leele go duela kana ba sa duele madi a ba a dumalaneng mo go diriseng dilwana tsa gagwe.
Mme Phometse o boletse fa a eletsa go bona a na le koloi e a ka rwalang tante ya gagwe ka yone go ya kwa mafelong a a farologaneng. O boletse gore bosheng o ne a latlhegelwa ke kgwebo ka a ne a seka a bona koloi e a ka e hirisang go isa tante kwa e neng e batliwa teng.
O gateletse gore dikgwetlho tse di ka seke di mo dige mowa mme fa e se go mo kgothatsa fela le go bona kgwebo ya gagwe e gatetse pele. O rotloeditse bomme ba bangwe go inaakanya le mananeo ka jaana kgwebo e sa tlhole e le selo sa borre fela.
O ne gape a kgothatsa ba ba setseng ba le mo kgwebong go bereka ka thata gore maiteko a puso a ntshe maduo.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Segomotso Lemme
Location : SEKOMA
Event : Potsolotso
Date : 19 May 2016






