Dirisang molao wa dituelo sentle-Batshu
19 May 2016
Banni ba motse wa Poloka mo kgaolong ya Shoshong ba rotloeditswe go itse melao ya pereko mme ba e sale morago.Mafoko a, a builwe ke tona wa lephata la pereko le merero ya selegae Rre Edwin Batshu kwa motseng oo bosheng.
Rre Batshu a re go na le molao o o tlamang mohiri go itse madi a a ka a duelang mmereki wa mo malapeng go akarediwa le badisa.
O ne a tlhalosa gore go tshwanetse ga nna le tumelano fa gare ga mohiri le mohiriwa mme badiri ba mo malwapeng go na le molao o o supang gore ba tshwanetse go duelwa bokae kgotsa madi a a ka fa tsase ga bokae e se re gongwe ba duelwa dituelo tse di kwa tlase.
Rre Batshu a re go le gantsi babereki ba mo malwapeng ba jewa ntsoma ka ba sa tlhaloganye melao ya dituelo sentle.O ne a gatelelela thata gore badisa ba na le tshwanelo ya go itse gore ba bereka jang le gore mohiri o tshwanetse go sirelediwa jang.
E ne e rile gole pele Kgosi Moatlhodi Selathwa wa motse oo, a kopa tona gore banni ba motse wa gagwe ba sokola go dira dikarata tsa Omang ka ba di dira kgakala kwa Mahalapye.
Kgosi Selatlhwa a re selo se se a ba sokodisa fela thata ka fa ba tsena kwa diofising ba fitlhela mosuke ka jalo a kopa gore a babereki ba lephata la Omang ba ka se etele motse wa bone gangwe fela mo kgweding go tla go dirila banni dikarata.
O ne gape a kopa tona gore motse wa gagwe o kgakala le ditlamelo mme maphata otlhe a puso a a mo motseng wa gagwe a a sokola ka go sena koloi, a tlatsa ka gore selo se se ba baya ka fa mosing ka ba sokola mo kgotleng gammogo le mo go tsa go bona kalafi.
Modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse ene, Rre Motshereganyi Gabaitumele o ne a tlhalosa fa ba itumelela mananeo a puso a a mo motseng wa bone mme le fa go ntse jalo ba lela ka dipalo tsa banni ba ba thapilweng mo lenaneong la ipelegeng.
Rre Gabaitumele a re ba letlelelwa go thapa babereki ba le masome a mane le boferabongwe fela mme dipalo tse di le kwa tlase fela thata.
A re mathata ke gore bontsi jwa babereki ba, ke ba sennela ruri mme ka jalo bontsi jwa banni ba sa bone sebaka sa go ka berekela lenaneo le, ka jalo a kopa gore a ba ka se okelediwe dipalo gore banni ba le akole ka bontsi bogolo jang ka go sena ditiro mo motseng wa Poloka.
O ne gape a kopa tona gore ba sokodisiwa ke boroko jwa babereki ba puso, letlhoko la motlakase mo motseng gammogo le letlhoko la mokenti ntswa ba na le dikgomo tse dintsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 May 2016






